Jump to content

Batlokwa

Go tswa ko Wikipedia

Leina Batlokwa le tlhalosa merafe ya Bakgatla e e fitlhelwang mo Botswana, Lesotho le Afrika Borwa.

O akaretsa balatedi ba dikgosi tsa batlokwa, maloko a mophato oo ipitsang Tlokwa le batho ka bongwe ka bangwe ba ba ipitsang ba Tlokwa . Bontsi jwa mephato kana merafe ya Batlokwa ba ipitsang ka kgosi ya bone Kgosi Tabane eleng morwa Kgosi Kgwadi yo eleng ene mookamedi kana motsadi ebile ele mosimolodi wa morafe wa Batlokwa. Morafe wa Batlokwa o tsaa Thakadu jaaka sereto sa bone sa ntlha, eo e nyelelang ka ntlha ya go tsongwa thata ka ntlha ya letlalo la yone le lentle ebile lele boleta lele neng le dirisiwa ke dikgosi.

Pharologanyo

[fetola | Fetola Motswedi]

Morafe wa Batlokwa ke karolo e tona ya morafe wa Bakgatla, oo eleng karololwana ya morefe wa Bantu oo buang seTswana. Dipharologano tse bontsi jwa nako di tlhofofadiwa gotwe Sotho -Tswana. Se se dirwa ke gore gotswa goo Lowe, bane ba kopanetse dipuo le dingwao dile mokawana tseo di neng di ba farologanya mo merafeng e mengwe ya Bantu ee mo Borwa jwa Aforika. Se se neng se itshopa thata ene ele botlhale jwa go farologanya medumo kana dipuo. Dilo tse dingwe di akaretsa direto, go tsaana ka bontsala gotswa kafa lesikeng laga mme , kontle ga Batlokwa bao bone ba neng ba rata go tsewa ke bo ntsalaabone kafa lesikeng laga rre, le ntlo ya Setswana kana ya setso ee neng ena le setlhowa kwa godimo mme e tshegeditswe ka ... Mo gongwe ene ele seana marena se se sa letlalo se se bidiwang mekgatlha, go bapa kana go kgotlagana ga mo go tona go gaisa ga letso la Nguni le go aga fa gonang le matlapa gosena bojang kana ditlhare tse dintsi.

Ditso tsa Basotho le Batswana ke nngwe ya metseletsele ya tlhoka kutlwisisano ka bogosi, mo go neng ga baka gore lekgamu la morafe le tswe mo morafeng o mogolo, ka fa tlase ga losika lwa ga Kgosi lo lo neng lo sa itumela, ba ya go nna go sele. Gantsi leina la monna o a neng a eteletse pele setlhopha se, le tsewa e le leina la morafe o mosha.

Ngwao ya Batswana e supela kwa go tlholegeng kwa bokone, e supa gape fa motsamao wa bone go ya borwa e ne e le bontlha jwa diphudugo tse dintsi tsa batho bantsho ba dipuo tsa Bantu ka motlha wa tshipi. Gantsi, polelo e supa fa Basotho le Batswana ba kgaogane mo bathong ba diteem tsa Bantu kwa matsheng a matona a botlhaba jwa Aforika, le gore ba ne ba tswelelela kwa tlase mo bontlheng jwa bophirima jwa Zimbabwe wa gompieno.

Baitseanape ba dibuka ba kgalema go kgaoganya merafe jaana ka ma Aforika e se batho ba ba tshwanang. Paul Maylam o ne a re go na le tlwaelesego ya go kgaoganya ditlhopha tsa ma Aforika di kopakopane gareng ga merafe e e farologaneng mo go dirang gore go nne dingalo go dirisa mothale o o supang merafe e e farologanang.[1]

Morago ga go tlhokafala gaga kgosi Masilo gone ga nna le dikgoberego mo boeteleding pele,se se ne sa baka tshimologo ya Bahurutshe le BaKwena. Batlokwa ba supa fa ba tswa mo Bahurutsheng,ebile ba latedisa bagolwagolwane ba bone kwa go Mokgatla, motlhami wa Bakgatla le Tabane.[2]

Tabane e ne e le rragwe Matlaisane, e le ngwana o a nnileng le ene le mosadi wa gagwe wa ntlha, a nna le barwa ba le batlhano le mosadi wa gagwe o monnye, Diale, Kgetsi, Kgwadi (Motlokwa), Matsibolo le Mosia. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tswa mo morafeng go tlhama Bapedi, Makgolokwe, Batlokwa, Maphuting le Basia ka tatelano. Dikokomane di le lesome morago, go tswa mo go Kgwadi, Montwedi, morwa Motonosi, o ne a nna le ngwana a bidiwa Mokotjo. Kgosi Mokotjo rragwe Sekonyela o ne a tlhokafala a sale mmotlana, Manthatisi, o ne a mo tshwarelela bogosi ka nako ya a sale mmotlana.

Kgosi-kgolo Tsotetsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi-kgolo Tsotetsi e ne e le kgosikgolo ya Batlokwa ba Mokgalong, ba e neng e le mohama mogolo wa Batlokwa. O ne a tsaya bogosi a tlhatlhama rraagwe ebong Kgosi Seboloka, morwa Mokgalo, o ne a tlhokafala, mme gape jaaka magosi a mangwe a pele, o ne a tlhokafala a sale mmotlana, mme le fa go ntse jalo, ka nako eo o ne a setse a na le bana ba basimane ba le barataro a ba tshoeltswe ke mosadi wa gagwe Kgosihadi Mamohlahlwe, bana ba e ne e le Mohlahlwe (Lebaka), Tsibela, Selemane, Leloka, Sethati le Thai. Ka nako ya loso lwa gagwe, motlhatlhami wa gagwe Mohlahlwe o ne a sale mmotlana, Batlokwa ba dumalana gore Mmakgosi Mamohlahlwe a tshwarelele morwae Lebaka bogosi. Se, ka jalo se ne sa mo dira mohumagadi wa ntlha go tshwarelela bogosi mo morafeng wa Batlokwa. Kgosihadi Mamohlahlwe o ne a thusiwa thata ke batsalwa le monna wa gagwe o a neng a tlhokafetse, ebong Khanye morwa Thekiso le Motonosi morwa Makoro. Dikgosi tse di ne di thusa sentle mo bogosing jwa Batlokwa go fitlhelela mohumagadi Mamohlahlwe a neela morwae Lebaka bogosi, o a neng a nna kgosikgolo ya Batlokwa.

Kgosihadi Manthatisi, mohumagadi wa ga Kgosi Mokotjo

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosihadi Mathatisi e ne e le mongwe wa baeteledipele ba bomme ba sesole le polotiki o a neng a tumile thata ebile a tshabega ka lekgolo la dingwaga di le lesome le borobabongwe. Ka dingwaga tsa dintwa, diphudugo le go tlhamiwa ga mafatshe mo go neng go bidiwa Mfecane kgotsa Difacane, Batlokwa ba ne ba itsege pele ka puo ya sekgowa e le Mantatees, ba reeletswe ka leina la ga Manthatisi, mo dikwalong tsa go skaseka, borongwa le bogosi.[3]

Kgosihadi Mathatisi, morwadie Kgosi Mothaba wa Basia ba e nenge le morafe o o tsetsweng le wa Batlokwa, kwa morago e neng ya nna kgaolo ya Harrismith (Thaba Ntshu) wa kgaolo ya Free State ya Aforika Borwa, go bolelwa fa a ne a le mme o moleele o montle. O ne a nyalwa ke Mokotjo, Kgosi ya morafe oo o mabapi wa Batlokwa, mo kopanelong bogosi e e neng e tlwaelesegile, go bolelwa gape fa a ne a mo tsholela barwa ba le bane. Mokotjo o ne a tlhokafala fa mojaboswa Sekonyela, a santse a le monnye go ka tsaya bogosi, ka jalo Mathatisi o ne a mo tshwarelela bogosi.

Morago ga go tlhokafala ga ga Mokotjo, Batlokwa ba Mokotleng ba ne ba itemogela ditlhaselo tsa sesole ke batho ba amaHlubi ba ba neng ba tshaba kwa magaeng a bone kwa Natal. Manthatisi o ka nako eo a neng a tshwareletse morwae ebong Sekonyela bogosi o ne a laola Batlokwa go ya mokgatsheng wa Caledon, ba leleka Basotho ba bangwe ba ba neng ba nna koo. Sesole sa gagwe se ne sa tsaya dijalo le dikgomo tsa batho ba ba neng ba ba tlhasetse, ba tlogela motlhala wa sthenyo le khuranyo ya meno.

Go etelela pele sesole ga gagwe go ne ga tswelela go stena mo Botswana wa gompieno. Sesole sa gagwe se ne se na le masome ba le dikete di le masome a mane. Le fa go ntse jalo, morago o ne a itemogela motseletsele wa go fenngwa go simolola ka Bechuanaland ka Firikgong ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a mabedi le boraro. Peter Becker o tlhalosa ditlhabolo tsa nako e a re:

"Manthatisi o ne a goroga le banna ba le dikete di le masome a mane, basadi le bana. E ne e le Firikgong ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a mabedi le boraro, nako ya ngwaga o dijalo di neng di butswa, dijo di le dintsi. Mme batho ba Wild Cat ba ne ba gwetlhega go tshela ka go somarela, ka tlhakatlhakano e tona e e neng e tsesitswe ke Difaqane le tlhaselo ya ga Mathatisi, Mpangazita le Matiwane e merafe e neng ya nyelela mo mannong a bone le pele ga ba roba masimo a bone go baakanyetsa go lema.

Leboko la Batlokwa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ke mafifitswana a go rekwa ka kgomo

Mafeta kgomo a je motho

Ba ga Mmanakana-a-Mosima

Ba ga Mmanakana-di-ganong

Ba ga mosi mmolaya moapei

Moapeelwana a sale a lela

Ba ga Nkwenyana-a-Nkwe o apereng?

Nkwe ke apere tau

  1. Chiwengo, Ngwarsungu (2007). Understanding Cry, the Beloved Country: A Student Casebook to Issues, Sources, and Historical Documents. Westport: Greenwood Publishing Group. p. 82. ISBN 978-0-313-33508-2.
  2. Landau, Paul (2010). Popular Politics in the History of South Africa, 1400–1948. Cambridge: Cambridge University Press. pp. 63. ISBN 978-0-521-19603-1.
  3. French, Marilyn (2009). From Eve to Dawn, A History of Women in the World, Volume III: Infernos and Paradises, The Triumph of Capitalism in the 19th Century. New York: CUNY. p. 32. ISBN 978-155861-583-0.