Bere

Go tswa ko Wikipedia
Bere
Bere is located in Botswana
Bere
Bere (Botswana)
Kgaolo
Ghanzi
Setshaba
453

Bere ke motsana o mo kgaolong ya Ghanzi mo Botswana. Motse o mo botlhaba jwa kgaolo e, gape motse o na le sekole se se potlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane, masome a matlhano le boraro. Bere gone jaanong ke nngwe ya mafelo a kwa legare la Kalahari a go tsoma go setseng go le mo tirisong.

Ditlhabolo[fetola | Fetola Motswedi]

Motsana wa Bere o santse o nale palo ya batho ee kwa tlase ka jalo ditlhabololo di santse di ise di simololwe. Banni ba Bere ba tsenya bana ba bone dikwele tse dikgolwane kwa Gantsi le metsana ee gaufi. Go nale tsela ee fetlang mo motsaneng wa Bere go ya mafelong a mangwe.

Diteme[fetola | Fetola Motswedi]

Kwa motsaneng wa Bere go na le merafe ee farologanyeng jaaka Baherero,Basarwa le emengwe.Ka jalo diteme tse di buiwang koo ke tsa Shekalahari, Seherero le Sesarwa.Banni ba koo ba nale tirisanyo mmogo ee tseneletseng le ntswa ba tswa mo mefrafeng ee farologanyeng.

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Bere o etelwa thata ke bajanala bogolo jang fa ba fetela kwa Gantsi le Kgalagadi.Jaaka dipalo tsa batho di gola ditlhabololo di tla bo di simolola go dirwa.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]


Coordinates: 22°49′16″S 21°52′30″E / 22.82111°S 21.87500°E / -22.82111; 21.87500