Cgʼose Ntcoxʼo

Go tswa ko Wikipedia
Cgʼose Ntcoxʼo
Sefofane sa British Airways se se takilweng go dirisiwa moalo wa ga Cg'ose Ntcox'o

Cg'ose Ntcox'o kgotsa Xhose Noxo, o o itsegeng ka leina la Cgoise o tshotswe ka ngwaga wa 1950 mme a tlhokafala ka 2013 kgwedi ya Phalane e le malatsi a le marataro, e ne e le motaki go tswa kwa Botswana.

Ntcox'o e ne e le mongwe wa batho ba Ncoakhoe, babui ba puo ya Naro,[1] o ne a tsholetswe kwa kgaolong ya Ghanzi kwa Botswana. E ne e le leloko la Kuru Art Project.[2] Ka tshimologo ya dingwaga tsa 1990, tiro ya gagwe e nngwe e ne ya supiwa kwa London mme ya bonwa ke baemedi ba difofane tsa kwa ga Mmamosadinyana ba British Airways, ba ba neng ba tsaya tshwetso ya go reka nngwe ya botaki jwa gagwe le go bo dirisa e le maremelelo a maano a setso sa bone. Moemedi wa difofane o ne a tsaya loeto go ya Aforika go ya go mmona, fa a bolela, a re o ne a neelwa pampitshana mme a bolelelwa go tshwantsha sefapaano. Le ntswa a ne a sa rutega, neelano e e ne ya tsewa e le setlamo e bile e ne ya baka gore a fetolele tshwanelo mo tirong ya gagwe. [3]O ne a amogela madi a dikete di le lesome le bobedi jwa dipula. Ka nako e o monna wa gagwe o ne a lwala bolwetse jwa kgotlholo e tona, mme ngwana wa bone wa mosetsana a sa bereke, ka jalo o ne a tlhokomela lolwapa lwa batho ba le bantsi.[4]

Mo tirong ya gagwe o ne a kopanela tiro le setlhopha sa bataki ba bangwe ba Basarwa go tswa kwa Kuru Art Project mo kgatisong ya lokwalo lwa Qauqaua, lo lo gatisitsweng kwa Johannesburg ka ngwaga wa 1996.[5] Ka ngwaga wa 1999, o ne a nna mongwe wa bataki ba le barobababedi, ba le bane ba tswa kwa Kalahari fa ba bangwe ba bane ba ne ba tswa kwa New Mexico, go tsaya karolo mo neelanong ya ditso le ba sekolo se segolwane sa ithutelo ditiiro sa University of New Mexico kwa ba neng ba dira ditshwantsho di le dintsi mo majweng mo setlhogong sa batsietsi mo mainaneng.[6] O na le kemedi kwa dikgobokanyong tsa mabolokelo a ditso a Portland Museum of Art[7] le toropokgolo ya Albuquerque ya New Mexico e e supang ditshwantsho tsa gagwe tsa Jujubu le Nxam Veldfood kwa toropokgolong ya yone le kago ya County Government.[8] Ka ngwaga wa 2004, tiro ya gagwe e ne ya bonagala mo setempeng sa makwalo sa Botswana, e le sengwe sa tse nne tse di supang tiro ya bataki ba mo gae; ba bangwe ba ba neng ba akareditswe ke Nxaedom Qhomatca le Qgoma Ncokg'o.[9][10]


Fa nako e ntse e tsweletse, Ntcox'o o ne a rutuntshiwa ke Coex'ae Qgam, o a nnileng le ene go fitlhelela Qgam a tlhokafala.[11] Ntcox'o o ne a tlhokafala morago ga go swa mohama,[2] a sa tlogele sepe. [12]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Paul Jarvis (15 April 2016). Mapping the Airways. Amberley Publishing Limited. pp. 64–. ISBN 978-1-4456-5465-2.
  2. 2.0 2.1 "In memory of San artist Cgʼose Ntcoxʼo (Cgoise) who died at the weekend". newbloodart.com. Retrieved 7 September 2018.
  3. Christopher May (8 October 2013). The Global Political Economy of Intellectual Property Rights: The New Enclosures?. Routledge. pp. 156–. ISBN 978-1-136-36117-3.
  4. Staff Reporter. "For the price of seven cows". Retrieved 7 September 2018.
  5. "Qauqaua". library.si.edu. 7 September 2018. Retrieved 7 September 2018.
  6. "The Trickster Suite". 16 March 2017. Retrieved 7 September 2018.
  7. "Cgʼoise Ntcoxo". portlandartmuseum.us. Retrieved 7 September 2018.
  8. "Jujubu and Nxam Veldfood". Public Art Archive. Retrieved 19 June 2023.
  9. "Contemporary art (2004) design type (#5050) – StampData". stampdata.com. Retrieved 7 September 2018.
  10. "Botswana – 55t stamp of 2004 (#197793) – StampData". stampdata.com. Retrieved 7 September 2018.
  11. "Iconic Mosarwa artist dies | Sunday Standard". www.sundaystandard.info. Retrieved Jun 3, 2019.
  12. "Famed Mosarwa artist died dirt-poor | Sunday Standard". www.sundaystandard.info. Retrieved Jun 3, 2019.