Coexʼae Qgam

Go tswa ko Wikipedia

Coex'ae, kgotsa Coinx'ae kana Xwexae Qgam, o a neng a dirisa leina la Dada kgotsa Dada Coex'ae Qgam mo go tsa pereko, go tswa ka ngwaga ya 1934 go tsena ka ya 2008, e ne e le motaki, mmoledi wa dipolelo le moranodi wa lotso lwa Basarwa ba Ncoakhoe ba ba buang puo ya Naro kwa Botswana.[1]

Coexʼae Qgam
TsaloTempolete:Birth year
LesoDiphalane 24, 2008(2008-10-24) (aged Tempolete:Age in years)
LetsoMotswana


Qgam o tsholetswe kwa Ghanzi ka ngwaga wa 1934, a tsena sekolo dikgwedi di le tharo fela; le fa go ntse jalo, o ne a bua dipuo tsa mo Aforika di le tlhano ka bokgeleke. O bekerile e le motlhokomedi wa bana ebile e le modiri wa mo gae ka lobaka lo lo telele. Ka nako e a neng a bekerela kwa lefatsheng la Namibia, o ne a simolola go itse go loga a dirisa ditlhale, a rutilwe ke mohiri wa gagwe go rokaganya ditlhale. Ka ngwaga wa 1990 o ne a tsaya karolo mo lenaneong la Kuru Art Project e le moranodi; go bona mefuta ya botaki le bodiragatsi e e farologaneng go ne ga mo rotloetsa gore le ene a diragatse botaki, le fa a ne a sa rutintshiwa kwa sekolong.[2] Ka ngwaga wa 1999, o ne a nna mongwe wa bataki ba robabobedi go tsaya karolo mo neelanong ya ditso le ba sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro sa University of New Mexico.[3] Ba le bane ba ne ba tswa kwa Kalahari fa ba le bane ba tswa kwa New Mexico. Ka 2000, kgwedi ya Firikgong, tiro ya gagwe, ga mmogo le ya ga Ann Gollifer le Neo Matome, di ne tsa supiwa kwa Gaborone.[2] Mo tirong ya gagwe, Qgam o supile bothakga jwa gagwe mo borwa jwa Aforika, kwa Europe, Japan le kwa United States of America. Tiro ya gagwe e na le kemedi mo motlobong wa Lencwe Trust kwa Zambia [4]le kwa mabolokelong a ditso a Portland Museum of Art.[5] Majwe a le mararo a a takileng mo go one a kwa toropong ya Albuquerque kwa New Mexico.[6][7][8] E ne ya re go ntse go tsweletse, Qgam a rutuntsha motaki ka ene wa lotso lwa Basarwa e bong Cg'ose Ntcox'o, morago ga a sena go tlhalwa.[9]


Qgam o berekile le setlhopha sa bataki ba bangwe ba Basarwa go tswa kwa Kuru Art Project go gatisa lokwalo lwa botaki lo lo bidiwang Qauqaua kwa Johannesburg ka ngwaga wa 1996; mokwalo o o mo bukeng eo, o bolela gape leinane la Basarwa.[10] O na gape le buka e e buang ka botshelo jwa gagwe, e e kwadilweng ke Ann Gollifer le Jenny Egner, e e bidiwang A Biography and Potrait, Conversation and Images: Coex' ae Qgam, Dada "I am one of a kind, I dont know why i was created":Storyteller, Dancer, Beadworker, Painter, Printmaker, Daughter, Sister, Mother, Lover Wife, buka e e ne ya gatisitswa ka ngwaga wa 2011, e tsentse dipuisano le kgobokanyo ya tiro ya gagwe.[11][12]

Qgam o ne a tlhokafala kwa Ghanzi ka kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le bone kwa ngwaga wa 2008.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Stanley, Janet L. "Monographs on African Artists". Retrieved 31 August 2018.
  2. 2.0 2.1 "Dada". www.africaserver.nl. Retrieved 31 August 2018.
  3. "The Trickster Suite". 16 March 2017. Retrieved 31 August 2018.
  4. "Artists represented in the Lechwe Trust collection - Lechwe Trust". www.lechwetrust.org. Retrieved 6 September 2018.
  5. "Coexʼae (Dada) Qgam". portlandartmuseum.us. Retrieved 6 September 2018.
  6. "Birds and Women Eating Sour..." Public Art Archive. 2012-11-23. Retrieved 2023-06-19.
  7. "Mothers and Babies Under...Tree". Public Art Archive. Retrieved 19 June 2023.
  8. "Locust with Bushman Potato (Quare)". Public Art Archive. Retrieved 19 June 2023.
  9. Letsididi, Bashi (13 October 2013). "Iconic Mosarwa artist dies". Sunday Standard. Archived from the original on 8 September 2018. Retrieved 6 September 2018.
  10. "Qauqaua". library.si.edu. 31 August 2018. Retrieved 31 August 2018.
  11. Ann Gollifer; Jenny Egner (2011). A Biography and Portrait, Conversations and Images: Coexʼae Qgam, Dada "I Am One of a Kind. I Don't Know why I was Created" : Story Teller, Dancer, Beadworker, Painter, Printmaker, Daughter, Sister, Mother, Lover, Wife. Eggsson Books. ISBN 978-99912-938-1-3.
  12. "Africa e Mediterraneo". Africa e Mediterraneo (in Italian). 12 September 2011. Archived from the original on 29 November 2022. Retrieved 31 August 2018.