Cullinan, Gauteng
Gullinan ke toropo e nnyane mo Gauteng ko lefatseng la Aforika Borwa. E dikilomitara di le masome a mararo ko borwa jwa toropo ya Pretoria toropo ee e filwe leina morago ga moepo wa diteemane Sir Thomas Cullinan.Cullinan ke toropo e nnye mo porofenseng ya Gauteng mo Aforika Borwa. E bokgakala jwa dikilometara di le 30 kwa botlhaba jwa toropo ya Pretoria go bapa le tsela ya ditaemane mme e ikaegile thata ka bojanala le moepo o o laolang loapi. Toropo eno e reeletswe ka mogwebi wa diteemane e bong Sir Thomas Cullinan.
Histori
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1898 Motlotlegi Thomas Cullinan o ne a newa teemane ya dikerata tse tharo e e neng e fitlhelwa gaufi le legora la polasi nngwe. O ne a tlhatlhoba lefelo leo mme a swetsa ka gore teemane eno e ne ya tshololwa ke metsi go tswa mo thoteng e e fa gaufi. Motlotlegi Cullinan o ne a leka go reka lefatshe leo mo go mong wa lone, Joachim Prinsloo, mme ga a ka a atlega. Morago ga loso lwa ga Prinsloo, o ne a kgona go reka lefatshe ka £52,000 go tswa go morwadia Prinsloo. Kimberlite ya Cullinan e ne ya ribololwa ka 1902 mme ka 1903 go ne ga simololwa meepo e e bulegileng. Meepo eno e ne ya bidiwa moepo wa Tonakgolo. Ka 25 Seetebosigo 1905, Cullinan Diamond e e itsegeng thata, e e neng e le kgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ya dikerata di le 3,106 (621.2 g), e ne ya bonwa ke Frederick George Stanley Wells, manejara wa kwa godimo wa Premier Diamond Mining Company. E ne ya rekwa ke puso ya Transvaal mme ya neelwa Kgosi Edward VII.
Cullinan | |
|---|---|
The main street in Cullinan | |
| Coordinates: 25°40′22″S 28°31′15″E / 25.67278°S 28.52083°ECoordinates: 25°40′22″S 28°31′15″E / 25.67278°S 28.52083°E | |
| Country | South Africa |
| Province | Gauteng |
| Municipality | City of Tshwane |
| Established | 1903 |
| Area | |
| • Total | 55.66 km2 (21.49 sq mi) |
| Elevation | 1,450 m (4,760 ft) |
| Palo batho (2011)[1] | |
| • Total | 8,693 |
| • Density | 160/km2 (400/sq mi) |
| Racial makeup (2011) | |
| • Black African | 64.3% |
| • Coloured | 2.7% |
| • Indian/Asian | 0.5% |
| • White | 31.7% |
| • Other | 0.8% |
| First languages (2011) | |
| • Afrikaans | 48.9% |
| • Northern Sotho | 15.6% |
| • English | 9.2% |
| • Sotho | 5.9% |
| • Other | 20.3% |
| Time zone | UTC+2 (SAST) |
| Postal code (street) | 1000 |
| PO box | 1000 |
| Area code | 012 |
| Website | http://www.cullinan.za.net/ |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 "Main Place Cullinan". Census 2011.