Dipalamo tsa mesepele mo Botswana

Go tswa ko Wikipedia
Mmepe wa Botswana

Le mororo lefatshe la Botswana le na le batho ba ba palo potlana gape le le mo sekakeng le kgonne go bopa itsholelo ya lone. Ditsela tse di kopanyang metse megolo le dikgaolo tsotlhe di tshetswe sekontere, mme ya Trans-Kalahari Highway e e kopanyang lefatshe leno le la Namibia ko Walvis Bay.

Diporo[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tsa boleele jwa dikhilometara di le makgolo a ferabobedi, masome a ferabobedi le boferabobedi go ya ka dipalo tsa ngwaga wa 2002, mme e bile di tsamaela ditoropong di le mmalwa gape di kopanya lefatshe leno le a a mabapi.

Diporo tse di yang mafatsheng a a mabapi[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tse tshwaraganeng le tsa mafatshe a Zimbabwe le Aforika-Borwa. Le ntswa go nne go solofetswe go bulwa ga seporo sa motlakase ka ngwaga wa 2006, se se yang Lüderitz kwa lefatsheng la Namibia go isa magala, ga gona seporo se tlhamalalelang kwa lefatsheng la Namibia mme go nna le se se fetang ka lefatshe la Aforika-Borwa.

Go ne ga nna le kgang ya go bula seporo se se ntšha fa gare ga lefatshe la Botswana le la Zambia, se feta ka lefatshe la Zimbabwe ka rre Andrew Lunga yo e leng mookamedi wa kompone ya Botswana Railways. Seporo se ne se solofetswe go feta kwa borwabophirimsa go tswa Livingstone, se feta ka Zambesi, se bo se tswelelela kwa marakanelong a a ntseng a le teng a Mosetse. Mme e ne yare morago ga kgang e ya ga rre Lunga,kompone ya la latlhegelwa ke diterena ka bokete jo bo kwa godimo bo bo nne jwa latelelwa ke go bulwa ga seporo sa Beitbridge-Bulawayo se se ileng sa dira gore dipalo tsa bapalame le dithoto di fokotsege go tswa ko sedikeng le sekete ka ngwaga go ya go dikete di le lekgolo le masome matlhano ka ngwaga. Seemo sa itsholelo ya lefatshe la Zimbabwe ga gakatsa seemo ka go ile ga fokotsa go tsamaya ga diterena ka phuthologo. Seropo se rre Lunga a nneng a kaile se ile sa nna sone se kopanyang mafatshe a Aforika-Borwa, Zambia and le la Democratic Republic of Congo.

Ditoropo tse di nnang le diterena tse di yang kwa go tsone[fetola | Fetola Motswedi]

Mesepele yotlhe ya diterena tsa batho e ile ya emiswa mo lefatsheng la Botswana, mme ga sala tse di yang mafatsheng a sele tse di kopanang le sa lefatshe la Zimbabwe go tswa Francistown, se e leng sone se se mo tirisong fela. Diterena tsa dithoto di santse di le mo tirisong tsone. Tse di latelang ke mafelo a a kileng a bo a na le diterena tsa batho go fitlhelela ka ngwaga wa 2009, kgwedi ya Motsheganong.

  • Ramatlhabama, South Africa yo e leng molelwane wa lefatshe la Botswana le la Aforika-borwa
  • Toropo ya Lobatse
  • Gaborone - motse-mogolo wa lefatshe leno
  • Palapye - makaranelo a diporo tse di rorang magala
  • Serule -marakanelo a diporo
  • Toropo ya Francistown
  • Ramokgwebana - yo o kopanetseng molelwane le lefatshe la zimbabwe
  • Palo ya maemelo a terena mo {1}Botswana {/1} e akaretsa:
  • Morupule - maemelo a diterena
  • Serule - marakanelo a diporo
  • Selibe Phikwe -maemelo a diterena
  • Francistown -marakanelo a diporo
  • Sowa - maemelo a diterena

Ditsela[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Botswana le nna le ditsela di le dikete di le lesome,makgola a mabedi le lesome le bosupa,mme ebile mo go tsone di le dikete tse matlhano,makgolo a marataro le masome mabedi di tshetswe sekontere. E sale go tloga ka dikabelelo tsa ngwaga wa 1996, go na le phokotsego mo dipalong tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere. Go tlhoga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka 1999 dipalo tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere di ile tsa fokotsega go tswa kwa dikhilometareng tse dikete tse lesome le bone, lekgolo le masome mararo le boferabongwe go ya go dikete tse nne, makgolo a matlhano le masome a ferabongwe le bosupa.

Maemelo a difofane[fetola | Fetola Motswedi]

Go ne ga nna le kabelelo ya gore go nna le maemelo a difofane a le masome a ferabobedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2004 mme di le lesome di tshetswe sekontere,se e ne e le ka ngwaga wa 2005. Kompone ya Air Botswana e e leng ya ga goromente ke yone e okametseng difofane tse di yang Francistown, Gaborone, Maun le Selebi-Phikwe. Go nna le difofane tse di yang ditoropong tsa mafatsheng a sele jaaka Johannesburg kwa Aforika-Borwa; Mbabane kwa Swaziland; le Harare kwa Zimbabwe. Go nna le maemelo a mantšha gaufi le toropo ya Gaborone e e butsweng ka ngwaga wa 1984. Bapalami ba difofane ba ba neng ba goroga le ba ba neng ba emelela go tswa Botswana ba ne ba le dikete tse di lekgolo,masome a ferabobedi le boraro ka ngwaga wa 2003.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]