Jump to content

Diteemane tse di epiwang kwa moepong wa Orapa

Go tswa ko Wikipedia
Orapa diamond mine
Location
Orapa diamond mine is located in Botswana
Orapa diamond mine
Orapa diamond mine
Botswana
LocationOrapa
CountryBotswana
Production
ProductsDiamonds (16.3 million carats in 2003)
History
Opened1971
Owner
CompanyDebswana

Moepo wa diteemane wa Orapa ke one moepo o motona lefatshe ka bophara wa diteemane. Moepo o o kwa Orapa, kwa toropong e e kwa kgaolwaneng ya Boteti ya Botswana e ka nna dikhilomethara tse di masome a mabedi, masome a mabedi le bone mo bophirima jwa toropo ya Francistown. Orapa ("boikhutso jwa ditau") bng ba yone ke kompone ya Debswana, e e kopanetsweng gareng ga kompone ya De Beers gape le puso ya Botswana.[1] Moepo o upolotse ka Mopitlo a rogwa ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le bosupa, ngwaga morago ga boipuso jwa lefatshe la Botswana, ke setlhopha sa baitseanape ba marope ba De Beers, ba akaretsa Manfred Marx, Jim Gibson ba eteletswe pele ke Dr. Gavin Lamont.[2] Ke one moepo o mogologolo thata go fetisa e mengwe e mene ya kompone e, o o simolotseng go dira ka Phukwi ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe, masome a supa le motso, dipoelo tsa one tsa ntlha e ne e le dikharat di le sedikadike, dikete di le makgolo a mane, masome a mararo le borobabobedi, le lekgolo masome a marataro le borobabobedi.[3][1] Madi a dipoelo tsa moepo o a lemogiwa fa a fetotse itsholelo la Botswana, ka a letlile puso go beeletsa mo ditirelong tsa potlako le dikago tsa lefatshe.[4]

Orapa ke moepo o o bulegileng gape ke one o o motona lefatshe ka bophara. Moepe o, o bonwa ka kakana ya kimberlite e e phuthaganelang fa godimo, e nale setswalo sa dikhilomethara di le 1.18 mo lefatsheng. Orapa o dira malatsi a le bosupa mo bekeng, gape a bo o ntsha selekanyo sa didikadike di le masome a mabedi ka ngwaga tsa borale, gape le koketsego ya kgakgabalo ya mantswe a a sa dirisiweng a selekanyo sa makgokgolo a masome a mane ka ngwaga. Ka ngwaga wa dikete pedi le bboraro, moepo wa Orapa o ne wa ntsha 16.3 million carats (3260 kg) tsa diteemane. [5]Selekanyo se ka bosiwang sa boleng jwa borale kwa moepong ke 0.87 carats (174 mg) per ton. Moepo o ne wa atlolosiwa ka gwaga wa sekete, makgolo a robabobnwe, masome a robabongwe le borobabongwe, o oketsa nonofo ya one gabedi. Kwa go tlhatswiwang teng deteemane mo Orapa go lepeaniwa borale jobo ntshiwang kwa Orapa gape le kwa meepong e mengwe e e mebedi ya Debswana, wa Letlhakane gape le wa diteemane wa Damtshaa.

Orapa gape le moepo o mongwe wa Letlhakane e thapile batho ba le diketev di le tharo le lekgolo. Debswana o na gape le sepatela sa malao a le lekgolo, sekolo sa banana gape le sekolo se se potana go direla bana ba babereki, gape le lefelo la diphologolo la Orapa. Moepo o nale ditlankana tsa ISO di le makgolokgolo a le lesome le bone le motso tse di dumalanang le go tlhokomela tikologo, gape di bo di baya botlhokwa jwa go somarela metsi gape le go tshwara matlakala sentle.

Seretse se se di sireleditsweng sa ngwaga wa di didikadike di le masome a robabongwe se se mo diphaepheng se botlhokwa go tshwara ditshedinyana tsa boglogolo.[6]

Moepo o kgatlhile motshameko o o bidiwang Orapa mine. Mo ditsamaisong tsa moepo go sekaseka popego le mategeniki go dirisiwa go bona diteemane le ditswammung tse dingwe tsa botlhokwa kwa tlase ga lefatshe. Motshameko o, o o tlwaelesegileng thata kwa Cote d'Ivore, o supa tsamaiso e ka batshameki ba dirisa makhubu go akanyetsa fa ditswammung di fitlhilweng teng. Mo boemong jwa go supa ditsamaiso sa moepo tsa mo botshelong, e supa magokanyane a tlhaloganyo a go sekaseka lefatshe.[7]

Katlego ya Moepo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mookamela lekalana la tshireletsego kwa moepong wa Orapa, o jaanong o godileng go nna wa Orapa, Letlhakane le Damtshaa, Sonny Mogojwa, o tlhalosa fa kgang kgolo e se go tswalela sechaba kwa ntle ga moepo wa Orapa, mme e le go babalela mokoti. E re ka khamphane ya Debswana e na le moepo o mongwe gape kwa Jwaneng, motho o ka ba a ipotsa gore Jwaneng ene ke eng a sa rulaganngwa ka tsela e.

“Fa o ka ela tlhoko, o tlaa lemoga gore kwa Jwaneng, matlo a bonno a ntlha engwe, fa mokoti o le ntlha e sele. Ka jalo, go etela ba losika le ditsala, ga go tlhokafale teseletso ka jaana motho o sa fete fa mokoting. Mme go ya kwa mokoting tota gone kwa Jwaneng, ga go ope yo o ka fetang a sena teseletso eo. Orapa ene o pharologanyo. Gore motho a ye kwa matlong a bonno. o feta ka mokoti, mme se ke sone se re tlamileng go tsaya tshwetso ya di teseletso re lebile tshireletsego ya diteemane” a tlhalosa Mogojwa.

Kitso ka kakaretso

[fetola | Fetola Motswedi]

Meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa e ntsha diteemane tse dintsi go feta meepo epe fela mo lefatsheng ka bophara. Se se jesang monate ke gore moepo wa Debswana kwa Jwaneng, one o ntsha diteemane tse di tlhwatlhwa kgolo go na le ya diteemane dipe fela mo lefatsheng. Ka bokhutshwane, lefatshe la Botswana le ipelafatsa ka gore ke lone le nang le diteemane tse dintsi ebile e le tsa tlhwatlhwa-kgolo lefatshe ka bophara. Segolo bogolo, diteemane tse di dirisiwa go tokafatsa matshelo a batho ba lefatshe leno, ga mmogo le go tlhabolola seemo sa itsholelo.

Mogojwa o gateletse gore ke lone lebaka le, le le pateletsang gore go tlhongwe kwa pele methale ya motia ya go babalela ditswa-mmung tse, e sere gongwe dirukutlhi tsa tloga tsa ntsha Orapa kwa ga mmapereko.

Diteseletso tsa go etela moepo

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa o na le wa lesika kgotsa tsala e direla kwa moepong o, o tshwanetse wa mo fa maina a gago ka botlalo le nomoro ya Omang. Ene o tlaa go kopela teseletso. Malatsi a ka nna mararo pele ga o goroga kwa Orapa. Nnyaya tlhe, maina a gago a tlaa bo a setse a lebilwe go tlhomamisa gore ga o na botlhabetsi bope mo sechabeng. Ke ka moo e tlaa reng motsing o goroga mo motsaneng o, o fitlhele teseletso e go emetse kwa magorogelong a baeng. Thulaganyo e ke e e tsepameng ya go tlhomamisa gore fa o na le maikaelelo a sele, o a retelelwa. Motswana wetsho, o seka wa bo wa leka, ga go lekege go utswa kwa Orapa. O tswa fela o iphotlhere.

  1. 1 2 "Debswana History". www.debswana.com. Retrieved 22 July 2026
  2. "Orapa diamond mine discovery story retold | Sunday Standard". 10 November 2014. Retrieved 22 July 2026
  3. Brook, Michael C. (2016). Botswana's Diamonds. Gaborone, Botswana: Michael C. Brook, Kwena Pools, Notwane. p. 96. ISBN 9789991294186.
  4. Lock, N. (February 2019). "Jwaneng - the untold story of the discovery of the world's richest diamond mine". Journal of the Southern African Institute of Mining and Metallurgy. 119 (2): 155–164. doi:10.17159/2411-9717/2019/v119n2a8. ISSN 2225-6253.
  5. "Q4 2019 Production Report" (PDF). Anglo American. Anglo American. 23 January 2020.
  6. Brothers, D. J.; Rasnitsyn, A. P. (1 September 2003). "Diversity of Hymenoptera and other insects in the Late Cretaceous (Turonian) deposits at Orapa, Botswana : a preliminary review". African Entomology. 11 (2): 221–226. ISSN 1021-3589.
  7. "Orapa Mine". BoardGameGeek. Retrieved 22 July 2026