Dithubaruba Cultural Festival

Go tswa ko Wikipedia

Dithubaruba ke moletlo wa setso o o ipelelwang mo Botswana. Maikaelelo a moletlo o ke go tsosolosa ngwao ya Kweneng le go direla beng gae nako ya go itlosa bodutu.[1]

Motheo[fetola | Fetola Motswedi]

Moletlo wa dithubaruba o itebagantse le ditso tsa Bakwena ba Molepolole le tiro e e dirilweng ke Kgosi wa bone wa pele o o neng a tlhokafala;Kgosi Sechele wa ntlha ka nako ya fa a santse a le mo setilong ka dingwaga tsa 1800. Moletlo o direlwa kwa lefelong la ngwao la Ntsweng Heritage Site, o rulagantswe ke lefelo la mabolokelo a ditso la Kgosi Sechele I. Moletlo o o rotloediwa ke ba Botswana Tourism Organisation (BTO) le lephata la Youth Empowerment, Sport and Culture Development (MYSC). Fa o sa le o simologa ka ngwaga wa 2007, o itlamile go rotloetsa le go tsosolosa ngwao ka go dira ditiragalo tse di farologaneng.[2]

Kgosi Sechele I[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Sechele wa ntlha o tshotswe ka ngwaga wa 1812 a tlhokafala ka wa 1892.[2] O nnile le seabe se segolo mo ditsong tsa Bakwena le mo tshimolodisong ya moletlo wa Dithubaruba. O ne a sireletsa Batswana kgatlhanong le batho ba lotso lwa Seburu ba kwa Transvaal ka nako ya ntwa ya Dimawe ka ngwaga wa 1852.[2] Merafe e e neng ya sirelediwa mo ntweng e e akaretsa Bangwaketse, Bakgatla ba ga Mmanaana, Bakaa le Bakwena. Sechele o ne a fudugela kwa Ntsweng ka ntlha ya go tlhagoga ga malwetse le mabaka a mangwe.[1]

Ntsweng Heritage Site[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi Sechele wa ntlha o ne a fuduga go tswa kwa Kolobeng go ya kwa Ntsweng ka ngwaga wa 1864. Ntlo ya kgosi e ne e agilwe kwa godimo ga thaba ka ntata ya gore go ne go na le kgonagalo ya gore maburu a tlhasele.[3] Lefelo la Ntsweng,le le kwa borwabotlhaba jwa Molepolole le ne la tlogelwa ka ngwaga wa 1934 fa Bakwena ba ne ba patelediwa go fuduga ke Kgosi Kgari wa bobedi le balaodi. Ntsweng wa gompieno ke lefelo le le golo, le le nang le matlapa le ntlo ya ga Mmakgosi e e neng e dirisiwa e le ofisi ya ga Sebele wa bobedi.[4]

Kgosi Sechele I Museum[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la mabolokelo a ditso la Kgosi Sechele I Museum ke lengwe la mafelo a ngwao le setso a a kgatlhisang mo Molepolole. Le agilwe ka ngwaga wa 1902 mme tse di supiwang mo go lone ke tse di supang tshomarelo ya ditso tsa Bakwena. Mabolokelo a a na le motlobo wa dibuka o o nang le dibuka tsa ga Dr. A.M Merriweather o e neng e le moreri le ngaka kwa sepateleng sa Scottish Livingstone, mabolokelo a a na le bontlha bongwe jo bo seegetsweng fa thoko Kgosi Sechele wa ntlha.[2]

Ditiragalo tsa letsatsi[fetola | Fetola Motswedi]

Moletlo wa dithubaruba o ipelelwa ka ditiragalo tse di farologaneng di akaretsa dipina le mmino wa Setswana, maboko, mmina wa motlha o o, di tshwantshetso, dijo tsa setso le metshameko.[1] Mmino o o tlwaelesegileng thata ke wa phathisi o o bidiwang gotwe setapa o o binwang ke bomme le borre. Mmino o akaretsa go opela, go opa diatla le go letsa mogolokwane ke bomme fa borre bone ba bina ba bo ba letsa diphala. Mmino o o binwa go aperwe kapari ya setswana le matlhoa.[5] Ditlhopha tse di tlotlegileng le baopedi ba maemo jaaka Culture Spears, Dr.Vom,Shelley Mokokwe, Dipela tsa Kobokwe, Bana ba kwena, Shiqkaao, Giraffe, Dintsu tsa malwelwe le tse dingwe ba lalediwa go tla go diragatsa mo letsatsing leo.[6]

Bakwena ba ipelela letsatsi le ka moletlo wa go isa malebogo wa dikgafela. Bomme ba bagolwane ba rwala thobo le bojalwa jwa setswana bo bo tlhotlhilweng ka thobo e mo ditlhogong ba isa kwa kgotleng. Gantsi ba etelelwa pele ke monnamogolo a kua are "dikgafela tse o!". Nama ya mogatla wa kgomo e e bidiwang mokoto e jewa ke borre fela, fa bomme bone ba ja ngati.[1] Dithubaruba e na le seabe mo kgolong ya itsholelo ya beng gae.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Tlhankane,Mompati.2017-09-01."Reliving the past with Dithubaruba".Mmegi, Botswana.ProQuest 1934664618.Retrieved 2021-04-16
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Brook,Michael C.(2017)."Botswana : monuments, heritage sites and museums".Gaborone, Botswana.ISBN 978-99968-0-566-0. OCLC 1016442504
  3. Grant,Sandy.(2012)."Botswana and its national heritage".(First ed).Cambridgeshire, UK:Melrose Books.pp 41–45.ISBN 978-1-907732-83-6. OCLC 819074855.
  4. Sekgarametso,Princess.(2001)."An archaeological survey of Ntsweng in Molepolole".Pula: Botswana Journal of African Studies.15 (1):23–45 - Via African Journals
  5. Murphy,Alan.(2013)."Botswana & Namibia".(3rd ed).Footscray, Vic.:Lonely Planet.ISBN 978-1-74321-648-4.OCLC 851388642
  6. Tlhankane,Mompati.2019-09-09."Bakwena celebrate another successful Dithubaruba fest.".Mmegi.ProQuest 2287278134.Retrieved 2021-04-16.
  7. Chebanne,Andy.(2020)."Cultural Festivals of Botswana Ethnic Communities: Business Values and Challenges".Information Resources Management Association.Hershey, PA.pp.58–75.ISBN 978-1-7998-0424-6.OCLC 1110655008