Ditshwanelo

Go tswa ko Wikipedia
Alice Mogwe ka 2010

Ditshwanelo kgotsa Botswana Centre for Human Rights ke lekgotla la ditshwanelo tsa batho le le simolodisitsweng ka ngwaga wa 1993 mo lefatsheng la Botswana. Maikaelelo a lone ke go tokafatsa ditshwanelo tsa setho ka thuto le molao. Setlhopa se se dirile letsholo kgatlhanong le katlholelo loso le ditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe. Lekgotla le le amogetse dietsele go tswa kwa Commission nationale consultative des droits de l'homme le OutRight Action International ka bo bueledi jwa lone.

Ditirelo[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgotla la Ditshwanelo le simolotswe e le Botswana Centre for Human Rights, ke Alice Mogwe ka ngwaga wa 1993.[1] [2]Lekgotla le le boloditse matsholo ka dikgang tse di amang ditshwanelo tsa setho tse di farologaneng, mme le itebagantse le dipotso tsa thuto le molao. Fa godimo ga moo le fa batho dikgakololo ka dikgang tsa katlholo, le ema nokeng Basarwa kwa bokone jwa Botswana, ebile le rulaganya moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ditshwantsho tsa motshikinyego tse di itebagantseng le ditshwanelo tsa setho.[2][3][4] Le kile la bolotsa letsholo kgatlhanong le kilo ya batswakwa le ditlhaoelele tse dingwe mo Botswana.[5]


Lekgotla la Ditshwanelo le tswa kgakala le lwela go emisiwa ga go atlholelwa loso, le tlhalosa gore molaomotheo wa Botswana o tshwanetse go tlotla seriti sa batho botlhe mo Botswana go akarediwa le badira molato, le ne la isa pego kwa International Federation for Human Rights (FIDH) ka ngwaga wa 1998.[6] [7]Ngwaga o o latelang le ne la thibela go bolawa ga banna ba Basarwa ba le babedi Gwara Brown Motswetla le Tlhabologang Phetolo Maauwe. Ba ne ba lebisitswe molato wa polao ka ngwaga wa 1995 mme ba felela ba gololwa ke kgotlatshekelo ya boikuelo ka ngwaga wa 2006, dingwaga di le lesome le motso morago ga go lebisiwa molato.[8] Lekgotla le ne la gakolola puso ya Botswana ka ngwaga wa 2018 gore mafatshe a le masome a mane le bobedi mo Aforika a emisitse katlholelo loso le gore Botswana ke lone fela lefatshe mo Southern African Development Community (SADC) le le santseng le diragatsa molao oo.[9] Mmika Michael Mpe o ne a bolawa ka ngwaga wa 2020 go bo a ne a tsere karolo mo go kgothoseng le go bolaya Reinette Vorster ka ngwaga wa 2014. Lekgotla la Ditshwanelo le ne la fetola ka go tlhalosa gore go latlhegelwa ke botshelo bope fela ga go a lolama. Ka jalo ba gwetlha puso go tlhotlhomisa methale e mengwe ya go otlhaela melato ya seemo se se kwa godimo.[7]


Ditshwanelo e itebagantse gape leditshwanelo tsa batho ba ba ratanang ka bong bo le bongwe mo Botswana. E boloditse letsholo la go diragatsa molao o o letlang go ratana ka bong ka ngwaga wa 1995 mme la rulaganya bokopano jwa go amogana dikgang go ntswe fatshe ka ngwaga wa 1998.[10] Ka 2003, le ne la retelelwa ke go ema kgatlhanong le maano a go bona molato bomme ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang. Lesbians, Gays & Bisexuals of Botswana (LEGABIBO) e ne ya simololwa e engwe nokeng ke Ditshwanelo ebile e dirisa diofisi tsa Disthwanelo.[11] Motshegetsi wa Ditshwanelo ke Archbishop wa pele wa Central Africa Walter Khotso Makhulu. Fa ba ba kgalang ba ne ba botsa gore ke eng kereke e ema nokeng lekgotla le le rotloetsang ditshwanelo tsa baratani ka bong bo bo tshwanang,Makhulu o ne a tlhalosa gore ka nnete baebele e kgatlhanong le go ratana ka bong, mme e kwadilwe ka nako e e sa tshwaneng le ya gompieno.[10]

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Lekgotla la International Gay and Lesbian Human Rights Commission (le janong le bidiwang OutRight Action International) le ne la atswa Ditshwanelo ka seetsele sa Felipa de Souza Award ka ngwaga wa 2000, le lemoga bobueledi jwa lone mo dikgannyeng tsa go ratana ka bong bo tshwanang.[11] Commission nationale consultative des droits de l'homme ba ne ba fa Ditshwanelo le tautona wa lekgotla leo Alice Mogwe mpho ya ditshwanelo tsa batho ka ngwaga wa 2012, le keteka tiro ya lone mo go bueleleng go tlhabolola Central Kalahari Game Reserve go lebeletswe banni ba koo.[12]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Kanono, Ricardo (30 October 2019). "Alice Mogwe elected FIDH President - The Patriot on Sunday". www.thepatriot.co.bw. Retrieved 12 July 2020.
  2. 2.0 2.1 "Ditshwanelo Human Rights Film Festival". Afro Tourism. 24 November 2014. Retrieved 12 July 2020.
  3. Country Reports on Human Rights Practices: Report Submitted to the Committee on Foreign Affairs, U.S. House of Representatives and Committee on Foreign Relations, U.S. Senate by the Department of State in Accordance with Sections 116(d) and 502B(b) of the Foreign Assistance Act of 1961, as Amended (eBook). U.S. Government Printing Office. 2000. p. 27. Retrieved 12 July 2020.
  4. "Ditshwanelo - the Botswana Centre for Human Rights". www.eldis.org. Retrieved 12 July 2020.
  5. Nyamnjoh, Francis B. (2013). Insiders and Outsiders: Citizenship and Xenophobia in Contemporary Southern Africa (eBook). Zed Books Ltd. ISBN 978-1-84813-707-3. Retrieved 12 July 2020.
  6. "The death penalty in Botswana; hasty and secretive hangings" (PDF). FIDH. Retrieved 9 August 2020.
  7. 7.0 7.1 KGAMANYANE, NNASARETHA (27 February 2020). "Ditshwanelo condemns murder convict execution". Mmegi Online. Retrieved 12 July 2020.
  8. Good, Kenneth (2008). Diamonds, Dispossession & Democracy in Botswana. Jacana Media. p. 97. ISBN 978-1-77009-646-2. Retrieved 12 July 2020.
  9. "DITSHWANELO Press Statement On World Day Against The Death Penalty 2018". Mmegi Online. 15 October 2018. Retrieved 12 July 2020.
  10. 10.0 10.1 lesbiennes, Commission internationale pour les droits des gais et des; Long, Scott; Brown, A. Widney; Cooper, Gail; Watch (Organization), Human Rights (2003). More Than a Name: State-sponsored Homophobia and Its Consequences in Southern Africa. Human Rights Watch. pp. 49–50. ISBN 978-1-56432-286-9. Retrieved 12 July 2020.
  11. 11.0 11.1 "A Celebration of Courage: Previous Awardees 2000-2003". OutRight Action International. 1 May 2003. Retrieved 12 July 2020.
  12. "Ditshwanelo receives human rights award". Sunday Standard. 13 December 2012. Retrieved 12 July 2020.