Alice Mogwe

Go tswa ko Wikipedia
Alice Mogwe
Alice Mogwe ka ngwaga wa 2010
Tsalo (1961-02-14) 14 February 1961 (age 63)
LetsoMotswana
ThutoUniversity of Cape Town University of Kent
TiroPresident of the International Federation for Human Rights; Director of Ditshwanelo
Organisationhttps://en.wikipedia.org/wiki/Ditshwanelo
O itsegi kaActivism, Human Rights

Alice Bahumi Mogwe o o tshotsweng ka ngwaga wa 1961 kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a lesome le bone, ke molwela ditshwanelo ebile ke mmueledi wa kwa lefatsheng la Botswana. Ke mosimolodisi ebile e le mokaedi wa lekgotla la ditshwanelo tsa batho le le bidiwang Ditshwanelo.

Ka ngwaga wa 2019, o ne a tlhophiwa go nna tautona wa lekgotla la International Federation for Human Rights dingwaga di le tharo. Tiro ya ga Mogwe e itebagantse le go sireletsa kgololesego ya sepolotiki, go emisa molao wa katlholeloloso, le go tlhomamisa ditshwanelo tsa bomme, bana, batho ba ba ratanang ka bong bo bo tshwanang, babereki ba mo lwapeng, batshabi le bajaki.

Thuto le kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Alice Mogwe o tsholetswe kwa motseng wa Molepolole kwa lefatsheng la Botswana ka ngwaga wa 1961. O simolotse dithuto tsa gagwe tse dikgolwane tsa ithutelo tiro kwa Aforika Borwa ka nako ya mmuso wa tlhaolele kwa University ya Cape Town.[1] Morago ga go aloga ka degree ya Botaki ka 1982 le ya molao ka 1985, o ne a fuduela kwa England go dira dithuto tsa master of law kwa University ya Kent ka ngwaga wa 1990.[2][1]

Tsa mmereko[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go boela Botswana, Mogwe o ne a simolola tiro ya gagwe e le mmueledi wa ditshwanelo tsa batho, a nna mosimolodisi wa lekgotla la Women and Law in Southern Africa.[2][3]

Ka ngwaga wa 1993 o ne a simolola lekgotla la ditshwanelo le le bidiwang Ditshwanelo, le a tsweletseng ka go le kaela.[2][3] [4]Lekgotla leo le le itsegeng gape ka Botswana Centre for Human Rights le fa dithuso tsa semolao le bo le buelela ditshwanelo tsa batho.[5]

Tiro ya gagwe ya ditshwanelo kwa lekgotleng la Ditshwanelo e akaretsa go ema nokeng ditshwanelo tsa ditlhopha kgotsa merafe ya ntlha go nna Botswana jaaka Basarwa.[2] [6][7]O itsege ka go simolodisa dintwa tsa semolao kgatlhanong le katlholeloloso le go bosediwa gae ga batshabi.[2][4][8]

Mogwe o simolodisitse a bo a bereka le makgotla a mangwe a selegae mo Botswana, a akaretsa Domestic Workers Foundation le Botswana Labor Migrants Association.[2] O berekile gape e le moeladilotlhoko wa ditlhopho mo Botswana gape e le modulasetilo wa Tanzania Elections Watch (a thusana le o mongwe).[1][9][10]

Mogwe ke leloko la Anglican Peace and Justice Network.[11] Fa a santse a simolola tiro, o ne a nna moemedi wa World Council of Churches.[12]

Ka ngwaga wa 2019, Mogwe o ne a tlhophiwa go nna tautona wa International Federation for Human Rights (FIDH) e e leng lekgotla le legolo la ditshwanelo le le ikemetseng ka nosi. Nako ya gagwe ya dingwa tse tharo e fedile ka ngwaga wa 2022.[4][13] O berekile e le mothusa mokwaledi-mogolo,a tloga a nna mokwaledi-mogolo wa lekgotla leo.[14][15] Mogwe o berekile makgetho a le mabedi mo lekgotleng la International Service for Human Rights.[16]

Dietsele le tlotla[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgatiso[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mogwe, A. (1994). Human Rights in Botswana: Feminism, Oppression, and "Integration". Alternatives, 19(2), 189-193
  • Mogwe,A.L.I.C.E.,& Melville, I.N.G.R.I.D. (2012). Human dignity and democracy. A Fine Balance: Assessing the Quality of Governance in Botswana, 89-99.
  • Mogwe, A. (1992). Botswana: Abortion 'debate'dynamics. Agenda,8(12); 41-43.

Kitso tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 "Alice Mogwe". International Center for Not-for-Profit Law. Archived from the original on 2020-12-02. Retrieved 2020-12-02.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 2.5 2.6 "MOGWE Alice Bahumi". Office of the United Nations High Commissioner for Human Rights. 2018-01-21. Archived from the original on 2018-02-05.
  3. 3.0 3.1 The governance of legal pluralism : empirical studies from Africa and beyond. Zips, Werner, 1958-, Weilenmann, Markus, 1954-. Wien. ISBN 978-3-7000-0517-9. OCLC 706409713. Archived from the original on 2020-12-02. Retrieved 2020-12-02
  4. 4.0 4.1 4.2 "La militante botswanaise Alice Mogwe élue présidente de la FIDH". Le Monde (in French). 2019-10-25. Archived from the original on 2020-11-16.
  5. "Ditshwanelo - the Botswana Centre for Human Rights". Eldis. Archived from the original on 2020-09-21. Retrieved 2020-12-02.
  6. Meldrum, Andrew (2004-03-05). "San fight to keep Kalahari hunting grounds". The Guardian. Archived from the original on 2019-10-25. Retrieved 2020-12-02.
  7. Kenyon, Paul (2005-11-06). "Row over Bushmen 'genocide'". BBC Radio 4. Archived from the original on 2018-10-03. Retrieved 2020-12-02.
  8. Tebele, Mpho (2019-09-02). "Bots gives Nam refugees ultimatum to return home". The Southern Times. Archived from the original on 2019-10-25. Retrieved 2020-12-02.
  9. "Tanzania Election Watch Panel of Eminent Persons Calls for Release of Arrested Opposition Leaders". AllAfrica. 2020-11-03. Archived from the original on 2020-11-25. Retrieved 2020-12-02.
  10. Mutambo, Aggrey (2020-10-30). "Magufuli takes wide lead over Lissu in Tanzania presidential election". The East African. Archived from the original on 2020-11-20. Retrieved 2020-12-02.
  11. "Alice Mogwe is elected President of the International Federation for Human Rights". Anglican Peace and Justice Network. 2019-10-29. Archived from the original on 2020-12-02. Retrieved 2020-12-02.
  12. Anderson, David E. (1993-06-26). "Making human rights a universal objective". St. Petersburg Times.
  13. Lynch, Justin (2020-02-12). "Will Sudan's Bashir Be Handed to the ICC at Last?". Foreign Policy. Archived from the original on 2020-11-30. Retrieved 2020-12-02.
  14. "FIDH opens an office in South Africa". Fédération internationale pour les droits humains. 2015-05-27. Archived from the original on 2020-09-30. Retrieved 2020-12-02.
  15. "Botswana activist Alice Mogwe, new FIDH President:"The universality of human rights is under attack - we must fight back!"". International Federation for Human Rights. 2019-10-24. Archived from the original on 2020-12-02. Retrieved 2020-12-02.
  16. "SOAS PhD scholar wins prestigious human rights award". SOAS University of London. 9 December 2021. Retrieved 22 May 2022.
  17. "DITSHWANELO receives human rights award". Sunday Standard. 2012-12-13. Archived from the original on 2020-09-19. Retrieved 2020-12-02.