Lefelo la diphologolo la Central Kalahari

Go tswa ko Wikipedia
thutlwa

Central Kalahari ke lefelo le letona la diphologolo mo sekakeng sa Kalahari mo Botswana. Le simolodisitswe ka ngwaga wa 1961, le botona jwa selekanyo sa dikhilomethara tse 52,800 ( e ka tswa e le gabedi mo selekanyong sa Massachusetts, gape bongwe mo lesomeng le borataro (1/16) jwa selekanyo sa lefatshe la Botswana) se se dira gore lefelo le le nne mo maemong a bobedi a diphologolo mo lefatsheng ka bophara.[1]

Go na le diphologolo tsa naga jaaka dithutlwa, manyau,nkwe,ntsha tsa naga, mangau,ditau le tse dingwe fela jalo. Bontsi jwa lefashe le bopapetla, gape ka bori le apesitswe ke ditlhatsana le bojang tse di apesitseng ditotoma le mafelo a go nang le ditlhare tse ditona. Bontsi jwa melapo e apesitswe ke letswai la kwa makgadikgadi. Dinoka tse nne tse di bopilweng gotsweng ditlhatsaneng le diphologolo tse di suleng bogologolo di tshokodia ka lefelo la diphologolo go akaretsa bogwerepa jwa molapo oo simolotseng go agega ka dingwaga tse di makgolokgolo a lesome le borataro malobeng[2].

Basarwa ,ba sale ba agile mo lefelong go tsweng makgolokgolong a dingwaga e sale ba ntse mo lefelong e le batsumi ba ba neng ba iphetelang.[3]

Le fa go ntse jalo, e sale ka bogare jwa dingwaga tsa 1990 puso ya lefatshe la Botswana e lekile go fudusa Basarwa go tswa mo lefelong la diphologolo ba lebeletse gore ke lefelo la didirisiwa tse di tlisang madi mo lefatsheng le mororo dipoelo di oketsega ka bojanala go ya lefelong la diphologolo. Ka ngwaga wa 1997, boraro mo saphatlong ba basarwa ba ne ba fudusiwa go tsweng kwa lefelong la diphologolo la Central Kalahari,gape ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2005 puso ya simolola go fodusa batho ka go ba patika go ya lefelong la bothibelelo kwante ga lefelo la diphologolo go tlogela fela banni ba sennela ruri ba ka tswa makgolo a mabedi le masome a matlhano[2]. Mme ka ngwaga wa 2006 kgotla tshekelo e ne ya tlhalosa fa go fudusiwa e se ka fa molaong ka go letelela batho go boela kwa lefelong la diphologolo la Central Kalahari.

Molelo wa naga oo motona o ne wa tshuba naga mo teng le kwa ntle ga lefelo fa gare ga kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2008 gape bontlha jo bo masome a borobabobedi bo ne bo tshubilwe. Kwa molelo o tswang tene ga go itsiwe.[4] [5]

Tsela ya go ya Teng

Go nale mafelo a botseno a le mararo ebong Khutswe mo Borwa,bophirima ke Xade mme mo bokone-botlhaba ke Matswere.Botseno jo bo rileng mo bokone jwa lefelo le ke fa o tsena ka lefelo la Central Kalahari Matswere.Botseno mo Matswere bo ka dirwa ka go tsena mo Rakops mo eleng dikhilomethara tse di masome a matlhano le botlhano go tswa bolebelelong jwa Matswere. Rakopso ka tsenega o tswa ntheng ya bokone jwa motse wa Maun (go feta Motopi, Kumaga le Tsoe) kgotsa o tswa borwa jwa motse wa Mahalapye (go feta Serowe, Letlhakane le Mopipi).

Baeng mo lefelong la Central Kalahari

Lefelo la Central Kalahari Game Reserve le etelwa ke baeng ba le bantsi mo letsatsing,baeng ba ngokwa ke diphologolo le ditotoma tse di kgabisitseng tikologo.Basarwa ba bonagala thata mo lefelong ka jalo bajanala ba rata go ithuka ka fa ba tshelang ka teng,ka fa ba dirang dilo ka teng,mme e re morago go tlise kutlwisisanyo ee rileng.

Bokhutlo

Central Kalahari Game Reserve ke lefelo le le kgatlhisang thata ebile bajanala ba rata go le etela.Lefelo le le tletse meamuso ya tlholego ka jalo se se ka godisa itsholelo ya lefatshe.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Lefelo la Diphologolo la Central Kalahari-Bojanala mo Botswana
  2. 2.0 2.1 "Go2Africa.com". Archived from the original on 2012-07-05. Retrieved 2011-11-22.
  3. "Lefelo la Diphologolo la Central Kalahari - Botswana". Archived from the original on 2007-10-19. Retrieved 2011-11-22.
  4. Tekodiso le ditshwantsho tsa loapi go tswa NASA
  5. Michon Scott (26 September 2008). "Huge Bushfire in the Kalahari". NASA Earth Observatory. Retrieved 3 May 2011. {{cite web}}: Unknown parameter |coauthors= ignored (|author= suggested) (help)

Dikgolagano tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Coordinates: 21°53′22″S 23°45′23″E / 21.8895°S 23.7565°E / -21.8895; 23.7565