Gcwihaba

Go tswa ko Wikipedia

Gchwihaba ke legaga le le mo Botswana ko kgaolong ya Makgadikgadi a Okavango.[1] Legaga la Gchwihaba e ne e le bontlha bongwe jwa naga ya Kalahari mo ngwageng tse 2 million tse di fitileng ka nako yotlhe ya di Pleistocene.[2] Leina la legaga le ke lefoko la Sesarwa le le emetseng gore “khutla ya diphiri”. Legaga le le dikhilomethara di le lesome go tswa mo molelwaneng wa Namibia. Ka ngwaga wa 1932 le supentshitswe molemimorui wa kgaolo ya Ghanzi wa letso la Europa e bong Martinus Drotsky yo legaga le le golo le neng la raelelwa ka ene gotwe Drotsky’s cavern.

Gchwihaba ke lefelo la botlhokwa la setshaba sa Botswana le le kwa tlase ga kgato ya Monuments, Relics, Antiquities Act ebile le ne la iswa kwa pele go nna UNESCO World Heritage Site ka ngwaga wa 1992. Ke lefelo la ntla go bonwa setswammung sa gchwihabaite (IMA1994-011) mo go lone.

Lentswa go ne ga sekwa ga bonwa sepe mo 50 cm wa legaga ka nako ya tshekatsheko ya legaga gore le ne ga nnwa mo go lone e le kampa, dibopo tsa matlapa di le masome a mabedi le bongwe ( tse di masome a mararo le boraro mo go tsone di dirilwe ka travertine) di ne tsa ntshiwa mo 50 cm wa ntlha wa legaga. 50-80 cm wa legaga o bitswa The Terminal Pleistocene boalo jwa magala. Masalela a dilo tsa ngwao a mangwe a ne a bonwa mo boalong jo. Marapo a segwagwa sa Aforika le dikgepetlana tsa mae a mantshe ke nngwe ya tse di bonweng.

Ka ntateng ya gore ke tlholego e e itlhaotseng ya magaga a, ditlhare le diphologolo tse di haphegileng di tlhatlogile.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Gcwihaba (Drotsky's) Cave". Botswana Attractions. Lonely Planet. Retrieved 19 May 2021.
  2. "Gcwihaba Caves". UNESCO World Heritage Centre. Retrieved 19 May 2021.