John Mackenzie (missionary)

Go tswa ko Wikipedia

John Mackenzie e ne ele morongwa wa mokeresete go tswa kwa Scotland, o tshotswe ka ngwaga wa 1835, kgwedi ya Phatwe e le malatsi a a masome a mararo, a tlhokafala ka ngwaga wa 1899 kgwedi ya Mopitlo e tlhola malatsi a a masome a mabedi le boraro. O bereketse mo kgaolong ya borwa jwa Aforika, a lwela ditshwanelo tsa batho ba ba tlholegileng mo Aforika.[1]


Mackenzie o tsholetswe kwa Knockando,Moray kwa Scotland ka ngwaga wa 1835. E ne e le leloko la London Missionary Society, mokgatlo o jaanong o bidiwang Council for World Mission, o ne a ithaopa go bereka mo mokgatlong o ka ngwaga wa 1855.[2] Morago ga dingwaga tse tharo o ne a ya borwa jwa Aforika go simolola tiro ya borongwa kwa Kuruman kwa bokone jwa Cape Colony (kwa David Livingstone a neng a direla teng pele). O ne a tsweledisa tiro a bereka le Batswana kwa Bechuanaland Protectorate. O ne a kgorelediwa ke pherekano ya fa batho ba lotso lwa Seburu go tswa kwa Transvaal ba ne ba tlhasela Batswana. Go tswa ka ngwaga wa 1867, o ne a kgothatsa gore lefatshe la United Kingdom le tseye dikgaolo tse Batswana ba nnang mo go tsone, a tlhalosa fa molao wa Britain o ka sireletsa ditshwanelo tsa ma Aforika kgatlhanong le tlhaolele ya batho ba lotso lwa Seburu. Ka ngwaga wa 1884, goromente wa UK o ne a simolodisa tshireletso ya batho ba Bechuanaland mme a tlhopha Mackenzie go nna mothusa moemedi wa lone. Ka ngwaga wa 1885, o ne a emisetswa ka Cecil Rhodes, mme a tswelella a na le seabe se setona mo sepolotiking. Ka ngwaga wa one o o, o ne a tsaya karolo mo letsholong la Warren Expedition, le maduo a lone e neng ya nna gore British Bechuanaland a godisediwe kwa bokone go nna Bechuanaland Protectorate o o itsegeng ele Botswana gompienio. Ka ngwaga wa 1889, o ne a ithola marapo mo botshelong bo bo mo pontsheng mme a tsweledisa ditiro tsa borongwa.

O ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1899 kgwedi ya Mopitlo ele malatsi a le masome a mabedi le boraro kwa Kimberley,Cape Colony.[1]


Sekolo sa John Mackenzie kwa Francistown Botswana se simolotswe ka ngwaga wa 1899 se bidiwa Francistown European School, mme ya re ka ngwaga wa 1958 sa fetolwa leina go fa Mackenzie tlotla.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "John Mackenzie".Encyclopædia Britannica.Retrieved 29 June 2016.
  2. Ross,Andrew C."John Mackenzie".Dictionary of African Christian Biography.Retrieved 30 June 2016.