Karolo:Kgaolo ya Kweneng

Go tswa ko Wikipedia

Banni ba tli fiwa ditlamelo[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba Hatsalatladi le metse e e mabapi ba solofeditswe go agelwa diofisi potlana tsa ditirelo tsa puso kwa Sojwe. Se ke maiteko a go itsa gore batho ba tsamae sebaka se se leele ba latela ditlamelo.Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo o buile jalo ka Labotlhano fa a ne a lekodisa morafe wa Hatsalatladi ka tse di builweng kwa phuthegong ya khansele e e sa tswang go wela. Rre Leo a re khansele e dirile ditshekatsheko mme tsa e lemotsha fa motse wa Hatsalatladi o le gaufi le Molepolole, mme o sa tlhoke diofisi tseo thata go na le metse e e katogileng thata jaaka Sojwe, Takatokwane, Salajwe, Motokwe le e mengwe. A re maikaelelo ke go kgaola mosepele wa banni ba metse e e kgakala gore ba seka ba ya go batla dithuso kwa Molepolole.Fa a rolela setshaba ka fa kgaogano ya madi a kgaolo ya Kweneng e dirilweng ka teng, o boletse gore fa ngwaga wa madi o ya bokhutlong, go dirwa dikakanyetso tsa madi gore ba ka tlhoka bokae mo ngwageng wa madi o o latelang.A re ke ka moo ditshekatsheko di supileng fa khansele ya Kweneng e tlhoka P434 million le go feta[1].

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Ditsebe tse di mo karolong “Kgaolo ya Kweneng"

11 ke ditsebe tsa karolo, go 11 ya ditsebe.