Mogonono

Go tswa ko Wikipedia
Mogonono
Country Botswana
DistrictKweneng District
Palo batho
 (2001)
 • Total201

Mogonono ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. Motsana o dikhilomethara tse di lesome go tsweng bogareng jwa motse wa Molepolole, go bapisa tsela ya Molepolole–Letlhakeng , gape o nale sekolo se se potana. Palo ya batho e ne e le makgolo a mabedi le motso ka palo batho ya ngwaga wa 2001.[1]

Leruo le senyetsa banni ba Mogonono[fetola | Fetola Motswedi]

Molemisi wa kgaolo ya Mogonono, Mme Noma Selawe o gakolotse balemi ba masimo a a mo tikologong ya motse oo go ya go ikuela mabapi le barui ba diruiwa tsa bone di ba jelang dijwalo.Mme Selawe o ne a bua mo phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng botlhaba, Rre Lika Kably kwa motseng oo.A re go dira jalo go ka dira gore go itsewe botoka se se bakileng gore molemi a tlhoke go bona thobo, a tlatsa ka gore gape go botoka gore go tlhokomelwe masimo fela thata, go agelelwe masimo ka terata kgotsa matlhaku a a tiileng, go tlhagolelwe dijwalo nako e sa le teng gore di gole di sa lwele dikotla le mhero.Le fa go ntse jalo, Mme Selawe o ne a bolela fa go nnile le tlhaelo e kgolo ya digogi tsa temo mo kgaolong eo, mabaka e le go senyega ga ditshukudu tsa temo tse pedi tsa puso tse di neng di isitswe koo go thusa go lema.O ne a kopa balemi go intsha kwa morago ka go itemela ka ditonki le dikgomo go thusa ditshukudu tsa temo tse di leng teng tsa beng go tila go tswalelwa kwa ntle.E ne e rile a a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Tirelo Ramoroka, a bolelela mopalamente gore ga ba tsosiwe ke leruo le le jang masimo go rata le go kgona.

Rre Ramoroka a re le fa go na le balemi ba ba sa agelelang masimo a bone mo go lekaneng, fela le ba ba itekileng, ba ageletse ka mashetla ba ntse ba jelwa fela.Mo go tse dingwe, Rre Ramoroka o ne a bolela fa ba tsweletse sentle ka mananeo a Ipelegeng.E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a tshwara phuthego kwa masimong a Mosinki kwa batho ba teng le bone ba neng ba ikuela ka go jelwa dijwalo ke leruo.Ba re bone ba kgona go laola leruo la bone, mme bothata ke leruo la batho ba ba kopileng go ruela koo le le sa disiweng gotlhelele.Banni bao, ba ba neng ba bua ba tshwenyegile fela thata, ba kopile mopalamente Kably go ba tswa thuso ka bone ba tlhotswe.Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa go thusiwa ka kokelwana ya koloi e e etelang kwa masimong a bone, ba ngongorega ka go sokodisiwa ke go lata bongaka kgakala kwa Molepolole.Gape ba ne ba lela ka go tlhoka ditsela kwa masimong, mme ba ikopela lenaneo la ipelegeng gore ba kgone go kopa go ithemela ditsela ka lone.Fa a akgela, mopalamente Kably o ne a kopa balemi go emela masimo a bone ka dinao, ba a tlhokomele ka tlhoafalo gore a tsoge a ba tshedisitse, a ba ntshitse mo botlhoking.O ba akgoletse go sa ipone tsapa ba itemela ka digogi tsa bone morago ga go lemoga fa ditshukudu tsa temo di tlhaela ka ba ne ba ka tlolwa ke letsema, a tlatsa ka gore se ba se dirileng se sentle fela thata ka gape ba tlaa kgona le gone go ikamogelela madi a bolemo.Ka dikgomo tse di senyang mo masimong, mopalamente Kably o boletse fa go dira jalo e le go supa lenyatso mo baleming ga beng ba leruo le le senyang, ka jalo a kopa balemi go ya go ikuela kwa go kgosi kgolo ya Mokwena.

Borukhuthi jo ba jeseng diwelang mo Mogonono le metse ya mabapi[fetola | Fetola Motswedi]

Banna ba le bararo ba tshwerwe ke mapodisi a Molepolole ka dinama tsa diphologolo tsa naga.Mogolwane wa mapodisi mo Molepolole, Rre Andrew Bosilong a re ba tshegeditse banna ba le bararo fa ba bangwe ba le bane ba santse ba ineile naga .A re banna bao ba tshwerwe bosheng kwa masimong a Mogonono mapodisi a sena go longwa tsebe ke batho bangwe, mme ba fitlhelwa ba bolaile ditholo di le tharo le dinoko tse pedi.Rre Bosilong a re banna bao ba tlaa isiwa fa pelega lekgotla la ga mmakaseterata mo Molepolole go ya go arabela molato oo.A re dinama tsa diphologolo tseo tsone di santse di le kwa go ba lephata la diphologolo gone mo Molepolole.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Mogonono Molepolole

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-10.

Coordinates: 24°22′48″S 25°28′1″E / 24.38000°S 25.46694°E / -24.38000; 25.46694