Salajwe

Go tswa ko Wikipedia
Salajwe
Country Botswana
DistrictKweneng District
Palo batho
 (2001)
 • Total1,705

Salajwe ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O bonwa mo bogare jwa Botswana, mo sekakeng sa Kalahari , sekgele sa dikhilomethara tse di masome a bosupa mo bokone-bophirima jwa Letlhakeng. Palo ya batho ba Salajwe e ne e le makgolokgolo a,makgolo a bosupa le botlhano.[1]

Matshwenyego a Motsana wa Salajwe[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosi ya motse wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Gaerupe Moala, a re o tshwenyegile fela thata go utlwa fa go na le batho ba ba tsereng moepo wa Gope, e bile ba tsamaela go o bula mme ba sa ba rerisa.Kgosi Moala a re o tshwenngwa thata ke gore a tota bana ba motse wa Salajwe ba tlaa bona ditiro.A re e rile ka 1982 go simololwa dipuisano, morafe wa Salajwe o bo o le teng, mme gompieno fa go na le merero go rerisiwa batho ba ba kgakala jaaka bo Ghanzi le Mmathethe, bone ba kgaphetswe kwa thoko.A re o eletsa fa bana go tswa Salajwe ba ka bona ditiro gore le bone ba akole meamuso ya lefatshe leno e bile ba kgone ba fitlhelwe ke ngwaga wa 2016 ba tlhabologile.Mo go tse dingwe kgosi o ne a kgothatsa batho ba motse gore ba inaakanye le go thusana.A re Batswana ba boele kwa dinakong tsele botshelo bo sale monate go thusanwa, ka jalo ba ba sa lemang ba thusane le ba ba lemileng gore le bone ba dike ba oba letsogo ka ngwaga ono o le o monamagadi.A re a batho ba eme ka dinao go thusana, ba tlhokomele dijo tse ba di itiretseng, ka di sa tshwane le dijo tse ba di fiwang ke puso ka e bile tsone ga go motlhofo di ka senyega. A re dijo tsa setso di na le dikotla tse dintsi fela thata, mme e bile go thusana ke botshelo jwa Setswana.E re le fa go ntse jalo, kgosi a re seemo sa pula se ba baketse mathata fa go tla ka kwa ditseleng, a tlatsa ka gore ke matamotamo fela mo tseleng go tswa Letlhakeng go ya Kaudwane.Kgosi Moala a re o eletsa fa tsela e ka tshelwa sekontere gore le bone ba nne le dipalamo tsa morafe go fema seemo sa dikotsi.O bile a bua a sa kgwe mathe ka motse wa Salajwe a re o fetogile motse wa dipoto. A re go setlhogo, e bile ga go a siama ka bojalwa bo dirile bana dikhutsana ntswa batsadi ba bone ba le teng mo botshelong.A re matlhotlhapelo a bojalwa ke gore batsadi ba roma bone bana ba bannye, mme ka jalo le bone ba felele ba nole ka e bile ba bangwe ba pateletse batsadi ba re ba romilwe ke bone ntswa ba ithekela.E rile a itebaganya le batsadi, kgosi a re ba tlhabisa ditlhong ka gore ke bone ba ba rekisetsang bana bojalwa mme e re ba sa dira sentle kwa dithutong, ba bo ba re barutabana ke bone ba sa dirang tiro ya bone ka botlalo

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Molepolole

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-02-09.

Coordinates: 23°41′45″S 24°43′3″E / 23.69583°S 24.71750°E / -23.69583; 24.71750