Khama III Memorial Museum

Go tswa ko Wikipedia

Lefelo la mabolokelo a ditso la Khama III Memorial Museum le agilwe kwa motseng wa Serowe kwa Botswana. Lefelo le le itebagantse le ditso tsa ba lolwapa lwa a ra Khama le motse wa Serowe.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le la mabolokelo a ditso le butswe e le lantlha ke batho ba le bantsi go tswa Serowe, Lenyeletse Seretse o ne a abela mabolokelo a ntlo ya gagwe.[1] Lefelo le la mabolokelo le agilwe ka dingwaga tsa bo 1910. Maikaelelo a lone ele go tlotlomatsa ditso tsa batho ba Serowe.[2] Morago ga go tlhokafala ga ga Bessie Head, mabolokelo a a ne a kgobokanya dipampiri tsa gagwe di le mmalwa, go akaretsa dintlha, ditshwantsho le tse a di kwadileng.[3] Mabolokelo a a ntshitse lokwalodikgang lo lo bidiwang Lekgapho, lo lo anamisitsweng le Botswana ka bophara.[4] Ka ngwaga wa 2006, go ne ga agiwa kamore ya ga Bessie Head mo mabolokelong a, le dipontsho tsa sennela ruri tsa mokwadi o. [5] Ka kgwedi ya Phukwi, ngwaga wa 2013, mokgatlho wa ga Bessie Head o kopane le mabolokelo a a ditso, ba ne ba rulaganya bokopano kwa Serowe go ipelela segopotso sa go gatisa buka ya ga Bessie ya A question of Power.[6] Ka ngwaga wa 2014, goromente wa Amerika o ne a abela mabolokelo a madi a dipula di le dikete tsa masome a supa le bongwe go somarela dilo tse di mo mabolokelong tse di akaretsang mekwalo ya lolwapa lwa ga Khama le dibuka tsa ga Bessie.[7] Moeteledipele wa lefatshe la ga MmaMosadinyana kwa Botswana, Katy Ransome o etetse mangwe a mafelo a ditso kwa Serowe ka ngwaga wa 2016 kgwedi ya Phalane, mabokelo a ele lengwe la one.[8] Lekgotla la Norwegian Agency for Development Cooperation and Danish Volunteer Service le supile kemo nokeng ya lone ka go abela mabolokelo a madi. [9]Ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2018, moemedi wa lefatshe la Cuba kwa Botswana, Patricia L.Pego Guerra, o ne a etela mabolokelo a.[10]

Tse di kgobokantsweng[fetola | Fetola Motswedi]

Mabolokelo a a na le tse ba di bolokileng ka lolwapa lwa ga Khama.[11] Mabolokelo a a na le didirisiwa tsa mmino tse di tswang kwa botlhaba jwa Kalahari.[12] Mabolokelo a na le tse di upulotsweng fa go dirwa dipatlisiso ka merafe ya Bangwato, dilo tse di tswa bogologolong jwa nako ya ga Khama wa boraro. [13]Tse di supilweng kwa mabolokelong a di akaretsa makwalo a a neng a kwalelanwa, dipaka le dilwana tsa ntlo, ga mmogo le dinoga le diphologolo tse di tlholegileng mo Aforika.[2] Mabolokelo a na le tse di upulotsweng ka ditso tsa Basarwa le ditshwantsho tse di supilweng ka nakwana.[14] Dinepe tsa phitlho ya tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana Seretse Khama le tsone di supilweng ko mabolokelong ao.[15] Fa godimo ga seo mabolokelo a a somaretse paka tse di neng di aparwa kwa Botswana bogologolo. [16]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mwakikagile,Godfrey (2010)."Botswana: Profile of a Nation". Continental Press. ISBN 978-9987-9322-9-0
  2. 2.0 2.1 "Know Your Museums".(2018-05-04) Mmegi Online. Retrieved 2021-12-23
  3. Akyeampong,Emmanuel Kwaku.Gates (Jr.),Henry Louis.(2012-02-02). Dictionary of African Biography. OUP USA.ISBN 978-0-19-538207-5
  4. Molyneaux,B; L..Stone,P. G.(2003-09-02). "The Presented Past: Heritage, Museums and Education". ISBN 978-1-134-86510-9
  5. Agbo,Joshua. (2021-06-17)."Bessie Head and the Trauma of Exile: Identity and Alienation in Southern African Fiction". Routledge. ISBN 978-1-000-39863-2
  6. Daymond,M.J. (2014-07-03). "Celebrating the 40th Anniversary of the Publication of Bessie Head's A Question of Power" (1973). Current Writing: Text and Reception in Southern Africa.26(2):112.doi https://doi.org/10.1080/1013929X.2014.957521.ISSN 1013-929X.S2CIDN 62064839
  7. "US government helps preserve Khama III Memorial Museum and Bessie Head archives".Sunday Standard Botswana.2014-10-16.Retrieved 2022-05-29.
  8. "British High Commissioner Visits Serowe".AllAfrica.Retrieved 2022-05-29.
  9. "Khama museum: Hiden, lonely treasure".Botswana Daily News.2018-06-17.Retrieved 2022-05-29.
  10. "Embajadora de Cuba en Botswana, visita el Museo Memorial Khamma III, como parte de su visita oficial a Serowe.". Embajadas y Consulados de Cuba.2018-10-22.Retrieved 2022-05-29
  11. Morton.Fred;Ramsay.Jeff;Mgadla.Part Themba. (2008-04-23)."Historical Dictionary of Botswana".Scarecrow Press.ISBN 978-0-8108-6404-7
  12. Dlamini.Sazi.(2020-12-10)."Musical Bows of Southern Africa". Bloomsbury Publishing USA.ISBN 978-1-5013-4675-0
  13. Seretse,Gasebalwe.(2009-05-27)."Botswana: Khama III Museum, a Place Worth" .AllAfrica. Retrieved 2021-12-23.
  14. Ham,Anthony;Holden.Trent (2017-09-01)." Lonely Planet Botswana & Namibia". Lonely Planet. ISBN 978-1-78701-163-2
  15. Setlhabi.Keletso Gaone(2016)."Evoking Memory: A Curatorial Perspective on Botswana's Presidential Heritage".Botswana Notes and Records.48:368–382.ISSN 0525-5090.JSTOR 90025352
  16. Rey,Sir Charles Fernand;Parsons,Neil.(1988)."Monarch of All I Survey: Bechuanaland Diaries, 1929-37".Botswana Society.ISBN 978-0-85255-016-8