Machaneng

Go tswa ko Wikipedia
Machaneng is located in Botswana
Machaneng
Location of Machaneng

Machaneng ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bapile le noka ya Limpopo gape le molelwane wa lefatshe la Aferika Bowa,dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo botlhaba jwa Mahalapye. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele makgolokgolo a mabedi le masome a matlhano mo palo bathong.

Ditlhabololo tsa motse wa Machaneng le metse ya mabapi[fetola | Fetola Motswedi]

ona wa papadi le madirelo Mme Dorcas Makgato-Malesu e rile bosheng a isa lephata la gagwe kwa metseng ya Sefhare, Machaneng le Chadibe.O kopile banni ba metse eo go bula dikgwebo tse di tlaa ba thusang go tlhabolola matshelo a bone ga mmogo le go tlhama ditiro mo kgaolong ya Tswapong.A re kgaolo ya Tswapong e sa ntse e saletse kwa morago mo go akoleng mananeo a puso a tshwana le la madi la CEDA le la LEA le le itebagantseng le go rutuntsha bagwebi ba babotlana.A re ga a jesiwe diwelang ke madi a P6m a a adimilweng kwa CEDA mo kgaolong e, a re a mannye fela thata mme kgaolo ya Tswapong e na le batho ba bantsi, ba ba ka bong ba ipulela dikgwebo.A re o kopile babereki ba CEDA le LEA go ikgata motlhala ba tla go itsese banni ba Tswapong ka dithuso tse ba nang le tsone, mme o kopile banni go dirisa sebaka seo go ithutuntsha ka tse di tlhokegang gore ba adimiwe madi.A re lephata la gagwe le lemogile fa go na le bothata jwa go kopa diteseletso tsa go gweba ga mmogo le go di ntshafatsa, a re e ntse e le madiadia a e bileng a ne a tshwenya le bagwebi ba ba kwa ntle, ba ba eletsang go gweba mo lefatsheng leno. A re ka jalo bagwebi ba tsile go neelwa teseletso ya sennela ruri e e tlaa ba thusang go kgaola mosepele ngwaga le ngwaga, a re le fa go ntse jalo ba tsile go nna ba tlhola kgapetsakgapetsa gore a bagwebi ba diragatsa molao mo dikgwebong tsa bone. Mo godimo ga moo, Mme Makgato-Malesu a re puso e mo letsholong la go kabakanya itsholelo, ka gore theko ya diteemane e ile kwa tlase.A re teemane ke yone e lefatshe leno le ikaegileng ka yone, ka jalo kwelotlase ya itsholelo e e bakilweng ke kwelotlase ya theko ya teemane e kokonetse lefatshe leno. A re lefatshe leno le sa ntse le lwantshana le go duela sekoloto sa lone ka jalo go sa ntse go se na madi.

O tlhalositse gape fa lephata la gagwe le ikaelela go laola thekiso ya majalwa a Setswana fela jaaka ba dira ka majwalwa a Sekgoa. A re batho ba setse ba latlhegetswe ke matshelo ka ntlha ya majalwa a.Le fa go ntse jalo, banni ba Machaneng ba kopile gore thekiso ya bojalwa jwa Sekgoa e okeletswe nako fa go na le maitiso a mmino kwa holong ya motse, mme tona o tlhalositse fa a tlaa sekaseka kopo ya bone.Banni ba iteetse kgang ye teseletso ya sennelaruri mogolokwane ka gore ba ntse ba sokola, ba boa kgapetsakgapetsa kwa diofising e bile ba tlhokega meriti ya dipampiri e mentsi, mo go neng go kokonela dipata tsa bone.Le fa go ntse jalo, ba kopile tona go leba diteseletso tsa bojanala, ba re le tsone di a sokodisa e bile di tlhoka meriti ya dipampiri e mentsi, ka jalo ba kgobega marapo go di dira.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana/Machaneng Botswana/Mahalapye


Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]


Coordinates: 23°11′21″S 27°29′18″E / 23.18917°S 27.48833°E / -23.18917; 27.48833