Kgaolo ya Limpopo

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Limpopo)
Limpopo
Flag of Limpopo
Motto(s): 
Peace, Unity and Prosperity
Mmepe wa profense ya Limpopo
Mmepe o o bontshang profense Limpopo, Aforika Borwa
NagaAforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshatePolokwane
Districts
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloStanley Mathabatha
Area
[1]:9
 • Total125,754 km2 (48,554 sq mi)
Highest elevation
2,126 m (6,975 ft)
Ditlhopha tsa Batho
[1]:21
 • Bantsho96.7%
 • Basweu2.6%
 • MaKhalathi0.3%
 • MaIndia0.3%
Maleme
[1]:25
 • Sesotho sa Leboa52.9%
 • Setsonga17.0%
 • Sevenda16.7%
 • Afrikaans2.6%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-LP
Websitewww.limpopo.gov.za

Limpopo ke bokone jwa kgaolo ya Aforika Borwa. E thailwe leina ka noka ya Limpopo River; "Limpopo" a raya "metsi a a elelang" kwa puo ya Sezulu gape le diteme tse dingwe jaaka Nguni languages. Toropo kgolo ya kgaolo e ke Polokwane, e mo gompieno e bitswang Pietersburg. Kgaolo e e thailwe go tsweng bokone jwa Transvaal Province ka ngwaga wa 1994, mme bo e bitswa Northern Transvaal. Ngwaga o o latelang,e ene ya bitswa gape gotwe Northern Province, mme leina la tshwarelelela go fitlhela ka ngwaga wa 2003, fa leina la kgaolo le ile la itsege semmuso fetola ntateng ya noka e e kopanelang kwa molelwaneng wa Zimbabwe and Botswana le morago ga kitsiso ya molao kwa bokopanong jwa khudutlhamaga jwa Constitution. Nngwe ya maina a a neng a akanyeditswe e ne e le Mapungubwe, lefelo le go fitlhetsweng Gauta teng dingwaganyana tse di fitlileng mo bosheng.

Molao le Puso[fetola | Fetola Motswedi]

Molao le puso tsa kgaolo ya Limpopo di santse di le mo taolong ya Stanley Mathabatha wa leloko la phuthego ya African National Congress.

Popego ya lefatshe[fetola | Fetola Motswedi]

Kgaolo ya Limpopo e tshwaraganetse melelwana le dikgaolwana tsa mafatshe a le mararo ebong: Botswana's Central le Kgatleng go ya bophirima le Bokone-bophirima ka go latelelana, Zimbabwe's Matabeleland South le Masvingo go ya bokone le bokone-botlhaba ka go latelelana ga one, gape le Mozambique's Gaza Province go ya bokone.[2] Kgaolo e ke yone e e lomaganyang Aforika Borwa le mafatshe a mangwe a a kwa ntlheng ya Sekaka sa sub-Saharan Aforika. Kwa ntheng ya Borwa fa o tswa Bokone go ya Bophirima, kgaolo e e kopanela melelwane le Mpumalanga, Gauteng, le Bokone Bophirima (North West). Molelwane wa yone le Gauteng o akaretsa dikgaolo tsa Johannesburg-Pretoria, nngwe ya mafelo a a itsegeng thata ka go rotloetsa itsholelo. Kgaolo e e mo bogare jwa magare, mafatshe gape le mafatshe ka bophara e itsege thata ka go tlisa ditlhabololo mo Mmarakeng.

Dikgaolwana[fetola | Fetola Motswedi]

Kgaolo ya Limpopo e kgaogantswe ka dikgaolwana di le botlhano. Mme go nne le dikgaolwana tse dingwe di le masome a mabedi le bone mo go tse di botlhano.

HIV / Aids[fetola | Fetola Motswedi]

Mo selekanyong sa 18.5% ngwaga wa (2007) Limpopo o ne a nna le dipalo tse di kwa tlase thata tsa balwetse ba HIV fa go tshwantshangwa le dikgaolo tse dingwe tsa Aforika Borwa. Le fa go ile ga nna le kwelotlase gare ga ngwaga wa 2005 le 2007, dipalo di ne tsa gola go tsweng mo go 14.5% go ya kwa go 21.5% gare ga ngwaga wa 2001 le 2005.[3]

Itsholelo[fetola | Fetola Motswedi]

Kgaolo e itsholelelo ya yone ke e goletseng pele, ka go romela dithoto le go tlisa dithoto mo lefelong le. Ke ngwe ya dikgaolo tse di humanegileng fela thata mo dikgaolong tsa Aforika Borwa, bogolo jang magae.[4] Le fa go ntse jalo Limpopo e supile kgolo ya itsholelo le katlego ya seemo sa botshelo.

Temo Thuo[fetola | Fetola Motswedi]

Bontsi jwa lefelo le le aperwe ke bojang jo bontsi. Go ka nna selekanyo sa 80% sa go tsoma se se bonwang mo lefelong le sunflower, cotton, maize le peanuts di lemiwa ke lefelong la Bela-Bela le Modimolle. Modimolle o itsege gape ka go lema meretlwa.

Maungo a tshwana; Dipanana, litchis, pineapples, mangoes ale pawpaws–le manoko ka go farologana, a lemiwa mo maelong a Tzaneen le Makhado.

Bojanala[fetola | Fetola Motswedi]

Bojanala ke nngwe ya meamuso e e godisang itsholelo ya Limpopo go bo go latela tsa Meepo le Temo Thuo,.[5] Ka ngwaga wa 2008, kgaolo e e nnile se selekanyo sa 5% sa baeti ba ba neng ba etletse Aforika Borwa, mme ebile dipalo tse di supa kgolo ngwaga le ngwaga. Selekanyo sa madi a ka tshwara R 93 million a ne a neelwa mo kabelanong madi ya ngwaga wa 2010/11 mme selkanyo sa 11% e le sa kgobokanyo yotlhe ya madi a kgaolo ya Limpopo.[5]

[6]

Go bapa le Limpopo, kwa masimong a Sunland Baobab, go nale setlhare sa Mowana se se kgabisitsweng e kete lefelo la boikhutso. pub.[7]

Mafelo a Boithutelo[fetola | Fetola Motswedi]

  • Mafelo a amangwe a boithutelo
    • Southern Africa Wildlife College

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-04-01.
  2. "http://www.limpopo.gov.za/index.php?option=com_content&view=article&id=1&Itemid=3". {{cite web}}: External link in |title= (help)
  3. http://www.avert.org/safricastats.htm - HIV rates in South Africa
  4. http://muse.jhu.edu/login?uri=/journals/eastern_africa_social_science_research_review/v019/19.2gyekye.pdf
  5. 5.0 5.1 Budget speech of Limpopo Department of Economic Development and Environment and Tourism 12 March 2010, retrieved 9 July 2010
  6. Department of Economic Development, Environment and Tourism Budget Speech 2009/2010, retrieved 9 July 2010
  7. "Archive copy". Archived from the original on 2019-09-15. Retrieved 2012-12-12.{{cite web}}: CS1 maint: archived copy as title (link)

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Diporofinsi mo Aforika Borwa
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima