Kapa Bophirima

Go tswa ko Wikipedia
Kapa Bophirima
Western Cape (English)
Wes-Kaap (Afrikaans)
Flag of Kapa Bophirima
Motto(s): 
Spes Bona (Good Hope)
Kapa Bophirima, Aforika Borwa
Kapa Bophirima, Aforika Borwa
NagaSouth Africa Aforika Borwa
E Tlhamilwe27 Moranang 1994
MoshateCape Town
Dikarolwana
Government
 • TypeParliamentary system
 • TonakgoloAlan Winde
Area
[1]:9
 • Total129,462 km2 (49,986 sq mi)
Highest elevation
2,325 m (7,628 ft)
Lowest elevation
0 m (0 ft)
Ditlhopha tsa Batho [1]
 • Bantsho32.8%
 • Basweu15.7%
 • MaKhalathi48.8
 • MaIndia1.0%
Maleme [1]
 • Afrikaans49.7%
 • Sexhosa24.7%
 • Sekgoga20.2%
Time zoneUTC+2 (SAST)
ISO 3166 codeZA-WC
Websitewww.westerncape.gov.za

Kapa Bophirima ke nngwe ya diporofinsi mo Aforika Borwa. Toropo kgolo ke Cape Town. Ka ngwaga wa 1994, tkgaolo e e agang Western Cape e ne ele bontlha bongwe jo bo tona (bo bidiwang) Cape Province. Ka maiteko a go tlisa bokopano jwa batho mo lefelong le Aforika Borwa ka ngwaga wa 1910, o ne a bidiwa Cape Colony.

Seemo Sa Bosa[fetola | Fetola Motswedi]

Western Cape o nale seemo sa bosa se se pharologanyo le mafelo a mangwe,se se bakiwa ke ka fa lefatshe le bopegileng le bone bokgola jo bo apesang lefelo le gotswa mawatleng a mabedi a Indian (bokgola jo bo bothitho) gape le Atlantic (bokgola jo bo tsididi), ka go rialo seemo sa loapi se nna se ntse se fetoga nako le nako mo nakong e khutswane. Bontsi jwa selekanyo sa lefelo le itsege ka, mariga a a bokgolo le, selemo se se bothitho. Bogare jwa lefelo la Karoo hgo nale seemp se iketlileng le mariga a a tsididi, mme dipula tsa medupi tsone ga di a twaelesega mo go kalo. Ka boripana fela ke gore dipula tsa dikgadima ga se tse di tlwaelesegileng mo lefelong fa e se fela kwa Karoo. Mogote le botsididi jo bo feteletseng ke tse di tlwelesegileng fela mo bogare jwa mafelo, mme se se sa tlwaelesega mo mafelong a fa lotshing la lewatle. Kapoko e tlwaelesegile fela that mo lefelong ka go apesa lefatshe, mme ga se gantsi o ka fitlhela go nale matsi a a omeletseng mo mafelo a a fa lotshing la noko le kwa go lemelwang teng.[2]

Ditoropo le ditoropokgolo[fetola | Fetola Motswedi]

Bontsi jwa ditoropo ke tse di agilweng sentle ka bonokopila ebile se se baka tlisa batho go tla go gweba mme morago go tlokafatse itsholelo ya lefatshe. Dipalo tse di fa tlase ke tsa ditoropo fela:

Toropo Palo ya batho
Cape Town 1,000,000++
George 200,000+
Worcester 50,000+
Robertson 10,000+
Arniston < 10,000

[3].

Itsholelo[fetola | Fetola Motswedi]

Seekanyo sa itsholelo sa Western Cape fa go lebilwe GDP ka ngwaga wa 2008 e ne e le R268.26bn, mme se se dire gore lefelo le le nne la bobedi mo tlhabololeng itsholelo ya lefatshe la Aforika Borwa, ka selekanyo sa 14.3% le nale itsholelo e e golang ka bofefo mme se se baya lefatshe mo maemong a a mantle go ka phadisanya le a mangwe lefatshe ka bophara,itsholelo e ne ya gola gape ka selekanyo sa 4% ka ngwaga wa 2008 mme ebile gape go solofetswe kooketsego ya selekanyo sa 3.2% mo ngwageng wa 2011.[4]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-05-11.
  2. http://en.wikipedia.org/wiki/Mediterranean_climate
  3. http://en.wikipedia.org/wiki/List_of_cities_and_towns_in_the_Western_Cape
  4. http://en.wikipedia.org/wiki/Economy_of_the_Western_Cape

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Diporofinsi mo Aforika Borwa
Foreistata | Gauteng | Kapa Bokone | Kapa Bophirima
KwaZulu-Natal | Kapa Botlhaba | Limpopo | Mpumalanga | Bokone Bophirima