Maitumelo Sedilame Boseja

Go tswa ko Wikipedia

Maitumelo Sedilame Boseja( a tshotswe 1 Sedimonthole 1997)yoo o bitswang kana a bokiwang gotwe Tsontso[1], ke motshameki wa kgwele ya dinao wa motswana yo o tshamekang jaaka motshwara dinno wa setlhopha sa Aforika Borwa sa Mamelodi Sundowns sa bomme( Mamelodi Sundowns Ladies FC) le setlhopha sa Botswana sa bomme sa sechaba (Botswana women's national team).

Botshelo Pele[fetola | Fetola Motswedi]

Boseja o tsholetswe kwa motseng wa Tutume mo kgaolong ya legare[2][3] mo Botswana.

Ditlhopha tsea di diretseng[fetola | Fetola Motswedi]

Township Rollers[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2015, Boseja o simolotse go tshameka mo setlhopheng sa bomme a tshameka mo Township Rollers.[4]

Double Action[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2017 o ile a tsena mo tumalanong le setlhopha sa bomme sa Double Action.

Bloemfontein Celtic Ladies[fetola | Fetola Motswedi]

Morago fela gago tshameka motshameko ole esi wa setlha sa metshameko le Double Action , setlhopha sa Aforika Borwa sa bomme sa Bloemfontein Celtic se ne sa tsena mo tumalanong ya ngwaga tse tharo le Boseja. Mo setlheng sa gagwe  sa ntlha le setlhopha, Celtic eile ya gapa  bommampudi jwa kgaolo ya Free State jwa kgwele ya dinao ya bo mme.[5] Ba be gape ba fenya bommampudi jwa Sasol National League, Boseja e nna ene motshwara dinno yoo o gaisitseng wa kgaisano eo[6]. Boseja o kgaogane le setlhopha sa Celtic ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa 2020[7].

Mamelodi Sundowns Ladies[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2001, one a tsena mo tumalanong le setlhopha sa bomme sa Mamelodi Sundowns seo se mo legatong le legolwane la Lekgotla le le laolang metshameko la Aforika Borwa. Ka kgwedi ya Phukwi oile a bona kgobalo ya lengole  ka nako ya ikatiso.[2] Kgobalo e eile ya mo paledisa go thusa Sundowns go gapa bommampudi jwa CAF Women’s Champions League , mme lefa gontse jalo oile amogela seetsele sa phenyo[8] fela ka ene ele motshameki yo o kwadisitsweng kafa se molaong go tshameka mo dikgaisanong tse.

Seabe mo setlhopheng sa sechaba[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2012 Boseja one a akarediwa mo  setlhopheng sa bomme sa Botswana sa kgwele ya dinao ya makgarejwana aa dingwaga tse di kafa tlase ga lesome le bosupa [9](Botswana Women’s  national under 17 football team). Ka ngwaga wa 2015, Boseja one a emetse Botswana go iponela phatlha mo metshamekong  ya mafatshe  ya kgwele ya dinao ya bomme ya makgarejwana aa kwa tlase ga dingwaga tse di masome a mabedi a  ngwaga wa 2016, faba be ba latlhegelwa ka kakaretso ka dinno di ferabongwe go ele nngwe  mo magatong ale mabedi kgatlhanong le  Aforika Borwa[10]. Ka kgwedi ya Motsheganong, ngwaga wa 2021 Boseja o tlhageletse makgetho a le masome a mabedi le bongwe  mo setlhopheng sa  sechaba sa Botswana.

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Bloemfontein Celtic Ladies

Sejana sa bommampudi  sa Sasol ka ngwaga wa 2017[11]( Sasol League National  Championships,2017.

Mamelodi Sundowns Ladies[edit source][fetola | Fetola Motswedi]

Individual

  • Sasol National League Championship: Goal Keeper of the Tournament

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Rousing return for Sedilame Boseja after Long Injury-lay Off". sundownsfc.co.za. 10 May 2022. Retrieved 17 March 2024.
  2. 2.0 2.1 Kehimile, Tshepo (16 November 2021). "Bosija On The Recovery Path". The Voice. Retrieved 17 March 2024
  3. Coach Nkutlwisang thumps up Bosija's move to Sundowns Ladies FC". Botswana Football Association. 27 May 2021. Retrieved 17 March 2024. ...the Tutume-born keeper further thanked the management
  4. Boranabi, Kabelo (30 July 2021). "Boseja faces former side, Double Action". Mmegi. Retrieved 17 March 2024.
  5. Congratulations Sedilame Boseja". Botswana Football Association. 21 November 2017. Retrieved 17 March 2024
  6. Celtic defend their Sasol League National Championship title - SAFA.net". 9 December 2017. Retrieved 17 March 2024.
  7. Boranabi, Kabelo (17 May 2021). "Mares Goalkeeper Club Hunting After Celtic Exit". Mmegi. Retrieved 17 March 2024
  8. Boranabi, Kabelo (22 November 2021). "Boseja is an African champ". Retrieved 17 March 2024
  9. Mokganedi, Mosah (23 January 2012). "Bots U-17 women get a hammering". Mmegi. Retrieved 17 March 2024
  10. SA Women U-20 beat Botswana 8-1". KickOff. 12 July 2015. Retrieved 17 March 2024
  11. Celtic defend their Sasol League National Championship title". SAFA. 9 December 2017. Retrieved 17 March 2024

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Sedilame Boseja at Soccerway