Marang Selolwane

Go tswa ko Wikipedia
Marang Molosiwa
Tsalo
Marang Molosiwa Selolwane

Alma mater
  • University of Pretoria in 2013
  • University of Witwatersrand
TiroActress
O itsegi kaHost of leading children's TV programme
MosadiDipsy Selolwane
Bana2
Marang Molosiwa as "Bokang" on-line in 2020 in MTV Shuga

Marang Rami Molosiwa yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1991ke modiragatsi wa Botswana yo e e neng e le motshegetsi wa lenaneo la television la Mantlwaneng. O ne a tlhagelela mo MTV Shuga ka ngwaga wa 2020 e le ene modiragatsi fela go tswa Botswana.[1]

Botshelo jwa Gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Molosiwa o tlholega kwa kgaolong ya "Serowe Palapye" mme o goletse mo Gaborone. Ka ngwaga wa 2002 e ne e setse e le modiragatsi mme a ya go ikoketsa dithuto moragonyana ko Unibesithing ya Pretoria kwa a alogileng teng ka 2013[2] mo dithutong tsa terama le fa metswedi e mengwe e re Unibesithi ya Witwatersrand[3].

O ne a itsege jaaka motshegetsi wa lenaneo la television la bana la "Mantlwaneng"[4]. Mantlwaneng e ne e le lenaneo le le tumileng ebile le itsege thata mo Botswana TV mme Molosiwa e ne e le mongwe wa bana ba ba kgatlhang go gaisa. Ene le Rea Kopi, Phenyo Mogampane le StaXx ba tlhophile mebereko go ya ka maitemogelo a bone a pele[3].

O ne a tlhagelela mo seraleng sa bodiragatsi ka kgwedi ya Phatwe le Phalane ka ngwaga wa 2015 a eteletse pele badiragatsi ba bangwe kwa Artscape Theatre Centre[5]

Ka ngwaga wa 2020 o ne a tlhophiwa go tsaya karolo mo tlhatlhologanyong ya metshameko ya television ya bodichabachaba e bong MTV Shuga[6]. E ne e le tlhatlhologanyo ya metshameko e e rutang e itebagantse thata le go tsibosa ka mogare wa HIV[7]. O ne a diragatsa e le Bokang mosetsana yo o tsenang le Dineo yo e leng gore go ya ka motshameko o ne a tsena Sekolo kwa Aforika Borwa mme a boela gae Botswana. O ne a kgona go tsenelela motshameko ka ba ne ba buwa ka maranyane ka nako ya tswalelelo mesepele ya coronavirus[7].

MTV Shuga e ne ya fetoga go nna tlhatlhologanyo ya metshameko e mekhutshwane e e bidiwang MTV Shuga Alone Together e e neng e tlhagisa ka mathata a coronavirus ka kgedi ya Moranang e tlhola malatsi a le masome mabedi ka ngwaga wa 2020. Metshameko e e ne e kwalwa ke Tunde Aladese le Nkiru Njoku[8] mme e ne ya gasiwa masigo a le masome a supa ka thotoetso ya United Nations[9].

Kitso tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Marang Molosiwa – Biography, Age, Career & Net Worth, Retrieved 28/09/2023
  2. Daily News: Face to face with Marang Molosiwa". www.dailynews.gov.bw. Retrieved 10/06/2023
  3. 3.0 3.1 Co, Maverick Maven (2018-04-12). "Former Mantlwaneng child stars who rule local TV". BotswanaUnplugged. Retrieved 2020-10-06.
  4. "Marang Molosiwa Is Pregnant". TSWAlebs (in Sekgoa). Retrieved 2020-08-23.
  5. "Heritage month celebrations". News24. Retrieved 2020-10-06.
  6. Admin. "Marang Molosiwa bags a role in MTV Shuga". Botswana Gazette. Retrieved 2020-08-23.
  7. 7.0 7.1 "SHUGA DEBATE - Lerato and Jezriel talk HIV Testing in a relationship". MTV Shuga. April 2019. Retrieved 06-10-2023
  8. "MTV Shuga: Alone Together | Episode 52". YouTube. 21 July 2020. Retrieved 06-10-2023.
  9. "Every Woman Every Child partners with the MTV Staying Alive Foundation to Tackle COVID-19". Every Woman Every Child. 2020-04-16. Retrieved 06-10-2023