Mmino

Go tswa ko Wikipedia

Mmino ke go dira bodiragatsi ka go tshikinya mmele, go tshikinya mmele mo go ka dirwa ke motho a itumetse kana a batla. Mmino o dirilwe ke batho go supa boitumelo.[1]

A man and woman, mid-leap
Babini ba bina mmino ya segompieno

Mmino wa Setswana[fetola | Fetola Motswedi]

Babini ba mmino wa Setswana

Batswana ke morafe wa Aferika, o thata o agileng kwa Aferika Borwa. Bonyenyane jwa morafe o bo fitlhelwa mo Botswana kwa bodirileng morafe o motona Mmino wa Setswana ga o a tlwaelesega ka go tlhoka tiriso ya Meropa , gape o ikaegile thata mo didirisiweng tsa mmino tsa mefuta ya katara le go opela.

Didirisiwa tse dingwe di akaretsa segaba le setinkane. Segaba se tshwana thata le violin, ka go dirwa, mme se dirisa leseka le le lengwe le le hakisitsweng mo sebagabikeng. Fa setinkane sone se dirwa ka ditshipi tse difarologanyeng tse di se phaphathi mme di tshamekiwa jaaka keyboard.

Ka nako ya bokoloni, mokgwa wa mmino wa setswana o ne o kgalwa ka gore o ne o kaiwa fa kgoreletsa ditlhabololo mo kgaolong le mo bathong. Go tsweng boipuso jwa Botswana, tsela kgotsa mekgwa ya mmino e ne ya busetswa mo tirisong, le fa mmino e le malwa go tsweng gongwe le gongwe mo Aferika (thata Aferika Borwa), United States le Europa e setse e tsere phekeloe sele go ya ka fa e ratiwang ka teng.

Mefuta ya mmino wa Setswana[fetola | Fetola Motswedi]

TSUTSUBE, PHATISE, HOSANA, HURU,DINAKA, SETAPA SA DIPHATE LE MMAMARUTLE. Mmino wa Setswana fela jaaka mmino wa ditso tse dingwe, Ke sekgantshwane, ebile ke sekao sa Setshaba sa Setswana. O farologane ka mokgwa o o diragadiwang ka teng. bogolojang fa re lebile dikao tsa ditso tse dingwe mo Aforika. Didiriswa tsa teng ga se tsa manobonobo mme di natifisa pina thata, jaaka mokgwa wa go opa diatla, Matlhoa le diphala. Molodi wa pina ya Setswana o supa gore Batswana ke bo mang le gore Botshelo jwa bona bo ntse jang. Mo mminong go bonala Boitumelo, Kutlobotlhoko, Metshameko, kalafi, Kaloso le ditiro tse di amanang le setso tse di dirwang ngwaga le ngwaga jaaka go rapelela Pula le ka nako ya thobo.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Sondra Horton Fraleigh (1987). Dance and the Lived Body: A Descriptive Aesthetics. University of Pittsburgh Pre. p. 49. ISBN 978-0-8229-7170-2.

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Badiragatsi ba mmino ba Aforika Borwa[fetola | Fetola Motswedi]

Badiragatsi ba mmino ba Botswana[fetola | Fetola Motswedi]