Natale

Go tswa ko Wikipedia
Natale is located in Botswana
Natale
Lefelo la Natale

Natale ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o bonwa dikhilometara dile masome a le boraro kwa bophirima jwa toropo ya Francistown, mme gape o na sekolo se se potlana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,719.[1]

Ditso tsa motse[fetola | Fetola Motswedi]

Ditso di supa fa banni ba motse o ba ne ba tlholega kwa lefatsheng la Zimbabwe.Motse wa Natale o mo tseleng ee yang kwa Orapa.E rile ka dintlwa tsa bogologolo banni ba siela mo Botswana go bona botshabo jo bo sireletsegileng mme ba felela ba filwe boagedi mono.Banni ke ba letso la sekalaka,teme tse ba di buang ke tsa sekalaka le Setebele. Go nale kgosi le kgosana ba eteletse motse o.Motse o mongwe oo mabapi le motse o ke wa Borolong.

Ditlamelo[fetola | Fetola Motswedi]

Motsana wa Natale o santse o tlhabololwa,mo nakong ya gompieno o santse o nale tsela ya dikoloi ee tswelang kwa toropong ee epeng teemane ya Orapa.Palo ya botho ke yone ee rotoetsang ditlhabololo tse.Ba kompone ya Mascom le Orange ba sa tswa go gokelela tshipi ya maranyane e le tsela ngwe ya go tlhabolola mohama wa dipuisanyo ka megala ya letlheka.

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Natale ke motse o o itsegeng ka kagiso le tlhokgamo ke ka moo o itsegeng mo Botswana.Dipalo tsa borukuthi di a laolesega ntateng ya gore batho ba totana ebile mongwe le mongwe o tlhaloganya ditshwanelo tsa batho ba bangwe.Fa o tsena mo Natale o kgatlhantshiwa ke batho ba ba nang le lorato bogolo jang fao le moeti.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-05.

Coordinates: 21°6′9″S 27°13′37″E / 21.10250°S 27.22694°E / -21.10250; 27.22694