Neo Masisi

Go tswa ko Wikipedia
Neo Masisi
First Lady of Botswana
Assumed office
1 April 2018
PresidentMokgweetsi Masisi
Pele Ga GagweBarbara Mogae (2008)
Ka Ga Ena
O tsetsweNeo Jane Masisi
1971 or 1972 (age 51–52)
Mo/BakapeloMokgweetsi Masisi
Bana1
TiroAccountant

Neo Jane Masisi[1] o itseging gape ka leina la Mma Atsile ke mosadi wa ga tautona wa lefatshe la Botswana rre Mokgweetsi Masisi.[2]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Neo Jane Masisi o tshotswe ka ngwaga wa 1971 kwa Francistown, ngwana wa ntlha mo go ba barataro ba ga Baruki le Irene Maswabi. Batsadi ba gagwe botlhe e ne e le dialogane tsa mmadikolo. O godile a bo a tsena sekolo kwa Gaborone kwa batsadi ba gagwe ba neng ba berekela teng.[3][4]

Balelwapa[fetola | Fetola Motswedi]

O ne a tsena mo nyalong e e boitshepo le Mokgweetsi Masisi ka ngwaga wa 2002. Ba segofaditswe ka ngwana wa mosetsana, Atsile Masisi.[3]

Tsa dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

Masisi ke acountente. O ithutetse Diacounte ko Accountancy Training Centre ya Debswana Diamond Company kwa a neng a tsaya boloko jwa Chartered Institute of Management Accountants. Go tloga ka ngwaga wa 2001 to 2004 o ne a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa De Montfort University kwa England, kwa a ileng a tsaya digarata tsa MBA.

Tsa Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Mo ngwageng wa 2019 Mohumagadi wa ga Tautona Neo Masisi o ne a nna mongwe wa batlhophiwa ba Fellow Chartered Management Accountant ke CIMA President Rre Steven Swientozielskyj mo Gaborone. [5] Mo ngwageng wa 2004 a nna leloko la United Nations, a berekela kwa diofising tse dikgolo tse di okametseng UN kwa toropo kgolo ya New York le kwa United Nations Economic Commission for Africa kwa Addis Ababa.[6] O ne a berekela gape UN kwa Central African Republic. [3]

Mo ngwageng wa 2017 Masisi o ne a boela kwa New York go ya go bereka mo Umoja, eleng maranyane a Enterprise Resource Planning a a tla bon a dirisiwa ke makalana a United Nations lefatshe ka bophara.[7]

O ne a tlogela go berekela lekalana la United Nations ka 2018 fa monna wa gagwe a nna Tautona wa lefatshe la Botswana.[3]

Jaaka mohumagadi wa ga tautona tiro ya gagwe ke go tsenelela meletlo. Mohumagadi wa ga Tautona, Masisi o itebagantse le dikgang tse di amang bana le go ema basadi nokeng.


Ka ngwaga wa 2018 o ne a semolodisa semmuso lekgotla la Eseng mo Ngwaneng le le gasang molaetsa kgatlhanong le go dirisa bana botlhatswa mo go tsa tlhakanelo dikobo le rotloediwa ke UNICEF.[7][8]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Mandhry, Eddie (11 June 2019). "President Mokgweetsi Masisi of Botswana visits Yale". Yale News. Yale University. Retrieved 9 August 2019.
  2. "President Masisi clarifies First Lady's role". Your Botswana. Retrieved 9 August 2019.
  3. 3.0 3.1 3.2 3.3 "Staff corner - Profile" (PDF). UN Staff Voice. No. 6. June 2018. pp. 36–39. Archived from the original (PDF) on June 2018. Retrieved 9 August 2019.
  4. "Puisanyo le Mma Atsile" (in tn). Botswana Daily News. 3 April 2018. http://www.dailynews.gov.bw/news-details.php?nid=41821. Retrieved 9 August 2019. 
  5. Daily News .:. : : Masisi credits CIMA for success, Retrieved 2021-05-17, www.dailynews.gov.bw
  6. H.E. Mrs Neo Jane Masisi, www.africanchild.report, Retrieved 2021-05-17
  7. 7.0 7.1 Neo Masisi inspires Women by Kgosikebatho K (January 2019),The Patriot on Sunday Retrieved 9 August 2019
  8. First Lady Masisi launches campaign against sexual abuse by Mokgosi T (December 2018), Weekend Post Retrieved 9 August 2019