Jump to content

Noka ya Notwane

Go tswa ko Wikipedia
Notwane River
MouthPala Camp
Mouth elevation847 m (2,779 ft)

Noka ya Notwane (kgotsa Noka ya Ngotwane) ke noka e e kwa borwabotlhaba jwa Botswana. Dikarolo dingwe tsa tsela ya yone di bopa molelwane wa boditšhabatšhaba le lefatshe la Aforika Borwa. Molomo wa yone o kwa setlhoeng sa Noka ya Limpopo. E na le boatlhamo jwa dikilometara di le dikete dile lesome le borobabobedi le masome a matlhano le boraro.(18,053.)

Terena e kgabaganya borogo ko godimo ga noka ya Notwane

Noka ya Notwane e tlhatlogile ka dikilometara di ka nna lesome le bongwe (6.8 mi) go tswa ka fa borwa jwa motse wa Ramotswa, mme e tsamaye jalo e iphaphathile ka molelwane go ya ntlheng ya bokonebotlhaba go tsena mo nokeng ya Limpopo ka longitude e e tshwanang le ya Mahalapye. Motswedi wa Notwane o kwa sandveld, kwa ntlheng ya botlhaba ya Sekaka sa Kalahari. E elela ka mashetla kafa bokonebotlhaba go ralala lefelo leo le banni ba Botswana ba kgobokaneng teng, e feta kwa botlhaba jwa Lobatse, fa gare ga toropo ya Gaborone le motse wa Tlokweng mme go tswa foo e ralale motse wa Mochudi. Kgabagare e kopana le lotshitshi lo lo kafa molemeng la Noka ya Limpopo kwa molelwaneng wa Aforika Borwa, dikilometara di le thataro fela go tswa fa Noka ya Limpopo e kopana le Noka ya Matlabas.[1] 

Sego kana kgopu ya Notwane e kgadisiwa ke noka ya Notwane ka sebele, le melatswana ya Taung, Segoditshane, Metsimotlhabe, Metsimaswaane le Nywaane. Melatswana e metona ee etlatsang ke ya Taung, Peleng, Metsimotlhabe le Nywane. Melapo kana dinoka tsotlhe tsedi mo kgopung ya Notwane ketse di kgalang, di elela sebaka se sennye go tswa fela gore pula e nele jang. Dinoka tsa Notwane le Taung dia kgala ka nako ya mariga mme ka ngwaga tsa leuba di kgona go kgala kana go omelela ngwaga otlhe. Dinoka tse di ka dira gore go nne le kgonagalo ya merwalela.[2]

  1. ↑ Major rivers and streams within the Limpopo River Basin
  2. ↑ The South East District, Botswana Archived 2026-02-27 at the Wayback Machine