Nswazwi
Nswazwi | |
---|---|
Kgaolo | Legare |
Setshaba | 1741 |
Nswazwi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O gaufi le molelwane wa Zimbabwe Motse o o na le dikolo tse dipotlana le tse dikgolwane, sepatela. O reeleditswe leina morago ga kgosi kgolo John Nswazwi. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 1,741.[1]
Ditlhabololo di tla Nswazwi
[fetola | Fetola Motswedi]Kompone ee tlhapilweng go aga boranyane jwa ditlhaeletsanyo tsa Nteletsa II kwa motseng wa Nswazwi e gakolotswe go itsolopanya go netefatsa gore tiro e ba e filweng e fela ka nako le ka madi aa dumalanweng.Kgakololo e e ntshitswe ke modulasetilo wa kompone ya ditlhaeletsanyo ya Botswana Telecommunications Cooperation, Rre Leonard Makwinja kwa tshimolodisong ya kgokelo ya megala ya Nteletsa II kwa motseng wa Nswazwi ka Labotlhano.Rre Makwinja o boleletse kompone eo gore goromente ga ana ditsompelo le fa ele nako ya go pepetletsa ditiro tsa ditlhabololo tse di sa lelang morago.O bile a kopa le kompome e e tlhapilweng go fa baagi bao bogakolodi gore ba ba tsenye legonnyana go netefatsa gore tiro eo e wela ka nako.O boletse fa ba na le tsholofelo ya gore e tla a re mo nakong e e dumalanweng ba bo ba boetse gape mo motseng wa Nswazwi, jaanong ba tla go bula semmuso tiro eo.
Rre Makwinja a re ka BTC e le bone beng ba tiro eo, ba tla nna ba etela lefelo leo kgapetsakgapetsa go netefatsa gore tiro eo ga e salele kwa morago.E rile a a fa malebo kwa moletlong oo, mopalamente wa kgaolo ya Nkange Rre Edwin Batshu one a tlhalosa fa lenaneo la Nteletsa II le tla a akaretsa metse e le 35 lefatshe ka bophara, mme e e supang mo go yone e tla a bo e le mo kgaolong ya Nkange.O bile a bolela fa batho ba ba tsileng ka moono wa go simolodisa lenaneo la Nteletsa ba tshwanetse go lebogiwa ka jaaana lenaneo leo le thusitse metse e mebotlana ka bontsi.O ne gape a gatelela mafoko a ga Rre Makwinja a gore tiro eo e tshwanetse go wela ka nako e e dumalanweng ka jaana batho ba e nyoretswe.E ntse e le kwa moletlong oo, kompone ya Huawei ee tlhapilweng go dira tiro eo, e ne ya abela komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nswazwi ditilo di le lekgolo, fa kompone ya megala ya BTC yone e ne ya abela sekolo sa diatla sa motse oo mochine oo ntsifatsang dipampiri.
E a komakoma kwa Nswazwi
[fetola | Fetola Motswedi]aikutlo a ne a kukegile kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Nswazwi mabapi le ditshwetso tse di tsewang ke boeteledipele jwa motse le komiti nngwe ya bogakolodi. Kgang e e senogile mo phuthegong e e neng e biditswe ke dikgosi tsa dikgotlana tsa motse oo, ka Labotlhano.E rile Kgosi Batshani Monyatsi a amogela morafe mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa a sa itse ka pitso eo.Kgosi Chawangwa Mmolawa o ne a bolela fa kgangkgolo e le ya komiti ya bogakolodi ya ba ntlo ya bogosi ba ba kwadileng lekwalo ba kwalela ba bogosi jwa ga Mmangwato ba kopa gore kgosi ya bone e apesiwe letlalo la nkwe. Kgosi Mmolawa a re batho bao ga ba a ka ba ba rerisa e le baeteledipele le fa e le sone setshaba tota ka mokwalo oo e le maikaelelo a bone.A re bone e le dikgosi tsa dikgotla tsa Nswazwi, ba ne ba bidiwa kwa Serowe go tlhalosa ka mokwalo oo.O boletse fa koo go dule kgang ya gore ba batla go tsosa kgang ya ga Nswazwi le Tshekedi.A re ba ne ba bitsa komiti eo, go ba lebisa diphoso tsa bone.A gatelela gore go na le bangwe banni ba ba rotloetsang tlhakatlhakano eo.Mongwe wa batsena phuthego, Rre Ambrose Masalila, a re bone e le banni ba Nswazwi ga ba itse sepe ka kgang eo.A re a komiti eo e bolelelwe gore e tlogele go tshamekela mo Nswazwi. Rre Masalila o ne a kopa gore komiti eo e emisiwe ka e tlaa ba kopakopanyetsa dilo.
O ne a gakolola kgosi ya motse, Kgosi Batshani Monyatsi go ela tlhoko batho ka ba tlaa mo dirisa diphoso.O ne a otlelela gore a gopole gore go ne go na le batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go bewa ga gagwe mo setilong sa bogosi.Bangwe ba ne ba bolela fa ba sa bone phoso mo mokwalong oo.Ba re se se neng se dirwa ke komiti eo e ne e le kopo ya gore kgosi ya bone e apesiwe letlalo.Mongwe wa makomiti, Rre Themba Motlhabani, a re ba ne ba emetse phetolo gore morago ba tle ba itsise setshaba.Kgosi ya Makuta, Kgosi Khimbeni Moalosi o ne a kopa gore ba ba nang le dikitso ba ne ba dira morero le setshaba go na le go itseela ditshwetso.Kgosi Moalosi a re bone ba nyoretswe ditlhabololo mo motseng e seng go thuba motse.Kgosi a re ba tshwanetse go emisa go kubetsana le go nyatsana.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-01.