John Nswazwi

Go tswa ko Wikipedia

John Madawo Nswazwi (o tshotswe ka 1868 mme a tlhokafala ka 1960) e ne e le kgosi ya Bakalanga ba Nswazwi. O tsholetswe kwa Nswazwi nako e ne lefatshe la Botswana le bitswa Bechuanaland ka 1875. O tsere bogosi morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Kuswani Nswazwi (Nswazwi VII) a busa go simolola ka 1910 go fitlha ka 1960. O ne a isiwa botshwarwa kwa Mafikeng ka 1947 ke puso ka ntlha ya kgotlhang le mmusi wa Bangwato Tshekedi Khama. Morago ga go gololwa ka 1948, Kgosi Nswazwi o ne a tshabela kwa Rhodesia e moragonyana e neng ya fetola leina la yone go nna Zimbabwe. O ne a tlhokafala ka May 14, 1960. O ne a fitlhwa kwa Jetjeni mme marapo a gagwe moragonyana a ne a isiwa kwa motseng wa Nswazwi ka 2002.

Go na le lefelo la mabenkele kwa Francistown le le reeletsweng ka leina la gagwe go mo tlotla mmogo le maemo a a tshwanetseng go agiwa go mo tlotla.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Mmegi Online :: Bakalanga to build statue of Chief Nswazwi". Mmegi Online. Retrieved 2021-04-05."Mmegi Online :: Bakalanga to build statue of Chief Nswazwi". Mmegi Online. Retrieved 5 April 2021.