Mahikeng

Go tswa ko Wikipedia
Mahikeng
Mafikeng, Mafeking
Toropo
NagaAforika Borwa
ProfenseBokone Bophirima
DistrictNgaka Modiri Molema
MasepalaMahikeng
E Tlhamilwe1852
Area
 • Total24.57 km2 (9.49 sq mi)
Ditlhopha tsa batho
 • Bantsho74.5%
 • MaKhalathi7.5%
 • MaIndia7.3%
 • Basweu9.9%
 • Ba bangwe0.8%
Maleme
 • Setswana53.3%
 • Sekgoga18.6%
 • Afrikaans14.1%
 • Sesotho3.0%
 • A mangwe11.1%
Nomoro ya poso
2745
Websitewww.mahikeng.gov.za

Mahikeng, e ne e bitswa Mafikeng ka tlwaelo, ke toropo le moshate wa profense ya Bokone Bophirima, Aforika Borwa. Lefatshe ka bophara, Mahikeng e tumile ka Siege of Mafeking, tlhaselo kgolo ya Ntwa ya bobedi ya Maburu (Second Boer War).

Mahikeng, e gaufile bodara ya Botswana le Aforika Borwa. Ka ngwaga wa 2001, Mahikeng e ne e na le batho ba ba ka nnang 49 300, mme ka ngwaga wa 2007 palo e e ne e tlhatlhogile go ya go 250 000. Batho ba ba ka nnang 65 000 go ya go 75 000 ba nna mo bogareng ba toropo e.

Bogologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Mahikeng ke kantoro-kgolo ya batho ba Barolong Boo Ratshidi. Toropo e e tlhamilwe ke Molema Tawana (c.1822 - Ferikgong 1882). Molema o ne a tsalwa kwa Khunwana ka nako ya Difaqane,e le ngwana wa Kgosi Tawana wa baTshidi Barolong. Abuti wa ga Molema, e leng Montshiwa, o ne a feleletsa e le ena kgosi. Ka nako e baTshidi Barolong ba ne ba nna kwa Thaba Nchu, Molema o ne a fetoga a nna Mokeresete, a fetolwa ke batsamaisa efangedi ba Wesleyan ba ne na nna fago le bona. Morwa le mojalefa wa a Molema, Silas Molema, o ne a rutwa kwa Healdtown College. Silas o ne a thusa setlogolo sa gagwe Sebopioa Molema go ya Amerika go ya go ithuta tsa molao, ka ngwaga tsa 1904, kwa Wilberforce University, e eleng kwa Wilberforce, Ohio.

Mafelo Magolo[fetola | Fetola Motswedi]

Leina[fetola | Fetola Motswedi]

Babrithani ba ne ba peleta leina la toropo e jaaka "Mafeking". Morago ga gore toropo e wele ka fa tlase ga Bophuthatswana leina le ne la fetolwa go nna "Mafikeng" ka ngwaga wa 1980. Ka Tlhakole 2010, Lulu Xingwana, o ne a le tonakgolo ya tsa Arts le tsa Setso, o ne a amogela gore leina la toropo e le fetolwe gape go ya go "Mahikeng". Mme batho bone ba santse ba e bitsa Mafikeng ka gonne e le lona leina le le tlwaelegileng.

Tsa Legodimo[fetola | Fetola Motswedi]

Climate data for Mafikeng
Month Jan Feb Mar Apr May Jun Jul Aug Sep Oct Nov Dec Year
Record high °C (°F) 40 39 38 34 31 27 28 32 36 38 38 40 40
Average high °C (°F) 31 30 29 25 23 20 20 23 27 29 30 31 27
Average low °C (°F) 18 17 15 12 7 4 4 6 11 14 16 17 12
Record low °C (°F) 8 7 4 3 −3 −6 −6 −4 −2 0 7 1 −6
Precipitation mm (inches) 117 83 74 57 14 5 3 5 13 37 64 67 539
Avg. precipitation days 13 10 10 7 3 1 1 1 2 6 9 9 72
Source: South African Weather Service[1]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Climate data for Mmabatho". South African Weather Service. Retrieved 7 March 2010.