Ntwa ya Dimawe

Go tswa ko Wikipedia

Ntwa ya Dimawe e lolwe gareng ga merafe e le mmalwa ya Batswana le batho ba lotso lwa Seburu ka ngwaga wa 1852 kgwedi ya Phatwe. Batswana ba ne ba fenya ntwa kwa thabeng ya Dimawe ka taelo ya ga Kgosi Sechele I wa Bakwena.[1]

Motheo[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka Paul Kruger, kgosi ya Bakgatla-ba-ga-Mmanaana, Kgosi Mosielele o ne a bolaile batho ba le bantsi kwa lefatsheng la Aforika Borwa mme a siela kwa go Sechele I, o neng a gana go mo neela batho ba lotso lwa Seburu are "o o batlang Mosielele o ka tla go mo tsaya mo mpeng ya me". Se e ne e le go supa fa a ne a fitlhile Mosielele fela jaaka dijo tse a di jeleng.[1]


Fa batho ba lotso lwa Seburu ba ne ba goroga, Sechele I o ne a romela morongwa kwa moeteleding wa bone Commandant Scholtz go tlhalosa fa a ka se dire sepa mo letsatsing la kamoso ka e tla bo e le letsatsi la tshipi mme o tla buisana le bone ka Mosupologo. O ne a bolela le gore ba mo neele kofi le sukiri. Commandant Scholtz o ne a tlhalosa fa a na le kofi le sukiri mme go sena tse a ka di abang. O ne a tshepisa go ba fa pepere ka Mosupologo.[1]

Ntwa[fetola | Fetola Motswedi]

Tshimologo ya Ntwa[fetola | Fetola Motswedi]

Ntwa e simologile mo mosong wa Mosupologo. Fa ntwa e ntse e tsweletse Paul Kruger o ne a gobadiwa ke lerumo le le neg le sa mo lebagana,[1] mme le ne la kgagolaka baki ya gagwe mo sehubeng.[1]


Bakwena ba ne ba na le kitso ka dithaba tse di gaufi ka jalo ba di dirisa go lebelela ntwa le go iphitlha.[2] Kgosi Sechele o ne a laola gore basadi le bana ba iphitlhe; mosadi wa ga Sechele o ka nako e o a neng a itsholofetse o ne a fitlhiwa mo logageng lwa Mmasechele lo lo kgakajana.[2] Fa masole a lotso lwa Seburu ba ne ba pagama dithaba, bagaka ba ga Sechele ba ne ba reledisa majwe a matona mo thabeng gore a thule ba ba neng ba lwa le bone.[2]

Go ya ka dipego, Batho ba lotso lwa Seburu ba ne ba gapa Dimawe ba dirisa ma Aforika ba ba neng ba ba tshwere go iphitlha ba bo ba pateletsa Batswana go emisa ntwa, ka jalo ba pateletsa Sechele go sia.[3] Ba ne ba tshwara beng ga e ba ka tshwara makgolo a mane, bontsi e le bana le basadi, ba ba neng ba ba dirisa go bereka kwa ditshimong tsa bone,[3] mo go yang ka David Livingstone e neng e le bokgoba.[4]


Morago ga moo ba ne ba tsena mo ntlong ya ga David Livingstone kwa Kolobeng mission,[3] mme ba fitlhela lefelo la go baakanya ditllhobolo, le didirisiwa tsa ntwa.[1]

Tlhaselo ya Batswana[fetola | Fetola Motswedi]

Le ntswa Batswana ba ne ba fentswe pele, Sechele o ne a boa mme a tlhasela ka ditlhobolo tsa ma Europa,[5]mo go neng ga bolaya batho ba le mmalwa, mme ba ba le kgatlhanong le bone ba boela morago, se sa baka gore Batswana ba boelwe ke lefatshe la bone.[4] Batswana ba ne ba tloga ba ya go tlhasela ditshimo tsa baba ba bone go fitlhela tumalano e bewa monwana.[6]

Ditlamorago[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga ntwa, merafe ya Batswana e ne ya kgaogana, Bakwena ba ne ba ya Ditlhakane le Dithubaruba fa Bahurutshe ba ne ba thibelela kwa nokeng ya Kolobeng gaufi le thata ya Dimawe.[4]


Tumalano gareng ga Btswana le Maburu e ne ya bewa mowana ka 1853 kgwedi ya Firikgong.[5] Sechele o ne a leka go tsena mo mosepeleng wa go ya Great Britain go kopa tshireletso gape kgatlhanong le bone, mme o ne a busiwa fa a goroga kwa Cape Town.[4] Ba Britain ba ne ba sa batle go dira tumalano epe le Batswana ka seo se ne se tla bo se le kgatlhanong le botsalano jwa bone le Maburu.[7]Le fa go ntse jalo maiteko a a ntlha a ne a rotloetsa mosepele wa bobedi o o neng wa atlega go tsamaile Kgosi Khama III, Kgosi Sebele I le Kgosi Bathoen I ba ba neng ba kopa gore Botswana a tsenngwe mo Bechuanaland Protectorate.[8] Fa Sechele a ne a le mo tseleng go ya Britain, masole a gagwe a ne a kopana le setlhophana sa Maburu ba ba neng ba tshoga mme ba rulaganya go busa bana ba gagwe ba ba neng ba tshwerwe ke molaodi wa bone.[2]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 Kruger, Paul;Teixeira de Mattos. "The memoirs of Paul Kruger". library.si.edu. Retrieved 15 June 2020.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Legodimo.2012
  3. 3.0 3.1 3.2 Morton, Barry; Ramsay, Jeff (13 June 2018). Historical Dictionary of Botswana. Rowman & Littlefield. ISBN 978-1-5381-1133-8.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 Ross, Andrew C. (15 September 2006). David Livingstone: Mission and Empire. A&C Black. ISBN 978-1-85285-565-9.
  5. 5.0 5.1 Shillington.2005
  6. History and African Studies Seminar Series. University of Natal, History and African Studies Seminar. 1997.
  7. Generated from: Sfn
  8. Generated from: Sfn