Kolobeng Mission

Go tswa ko Wikipedia

Kolobeng Mission, ko go itseng gape ka leina la Livingstone Memorial go agilwe ka ngwaga wa 1847, e le tiro ya boraro e bile ya bofelo ya ga David Livingstone, o e neng e le morongwa le mmatlisisi wa Aforika. Go agilwe kwa lefatsheng la Botswana, dikilomitara di le tharo kwa bophirima jwa motse wa Kumakwane, le dikilomitara di le masome a mabedi le botlhano go tswa kwa bophirima jwa Gaborone mo tseleng ya go tswa Thamaga go ya Kanye, lefelo le le na le kereke le sekolo mme gape e ne e le legae la ga David Livingstone, mosadi wa gagwe Mary Livingstone le bana ba bone. Fa ba le fa, Livingstone o ne a sokolola a bo a ruta Kgosi wa Bakwena Sechele wa ntlha mefuta ya go nosetsa ba dirisa molapo wa Kolobeng. Leuba le ne la simolola ka ngwaga wa 1948, mme Bakwena ba pega molato o wa sebetsa sa tlholego mo boleng teng jwa ga Livingstone. Ka ngwaga wa 1852, balemi barui ba lotso lwa seburu ba tlhasela merafe mo kgaolong eo, e akaretsa Bakwena kwa Kolobeng ka nako ya ntwa ya Dimawe. Se se ne sa baka gore boora Livingstone ba tswe kwa Kolobeng mme tiro ya bone ya seka ya tswelela pele. Lefelo le le ne la agelelwa ka terata ka ngwaga wa 1935, mme jaanong le mo tlhokomelong ya lephata la National Museum and Monuments le le ka fa tlase ga Ministry of Environment, Wildlife and Tourism wa Botswana.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga David Livingstone a goroga kwa Kolobeng, o ne a romilwe kwa London Missionary Society kwa Kuruman kwa Aforika Borwa ka ngwaga wa 1841. O ne a kopana le Sechele wa ntlha, kgosi ya Bakwena fa a le kwa Kuruman. O ne a fudugela kwa Chonuane le Bakwena a nna teng ngwaga. Go ne ga nna lenyora, Livingstone o ne a dira gore Sechele a dumele gore pula ga e na go fedisa lenyora, le gore tsela e ba ka nosetsang dijalo ka yone ke go tlhopha molapo o sekeng o kgala ba bo ba nosetsa ka metsi a one.[1] Ba ne ba tlhoka molapo wa Kolobeng o o gautshwane mme ba fudugela koo.

Mo lefelong le lesha le ba neng ba nna kwa go lone, Bakwena ba ne ba aga letamo le mokgacha go tswa kwa molapong , le sekolo, fa Livingstone a ne a agela Sechele ntlo, a ruta morafe go nosetsa ditshimo le go fodisa batho ka melemo ya bongaka jwa sekgowa. Livingstone o ne a bolela fa maiteko a bone a go nna kwa Kolobeng a ne a atlega. Le fa go ntse jalo,morago ga ngwaga ya ntlha, lenyora le ne la baka go kgala ga molapo o. Livingstone o ne a bolela fa selekanyo sa mogote mo mmung se ne se tshwara mogote wa 57 degrees.[1] Ngwana wa ga Livingstone wa bone, Elizabeth, o ne a tlhokafala dikgwedi tse pedi morago ga go tsholwa ka nako ya lenyora mme a bolokwa kwa Kolobeng.[2] Ka nako ya lenyora, Bakwena fa ba lemoga gore merafe e mengwe mo lefelong leo ba ne ba nelwa ke pula, ba kopa Livingstone go nesa pula, mme le fa a ne a ba utlwela botlhoko, o ne a leka go emisa dingwaokobamelo tsa go nesa pula a kopa gore ba itebaganye le go rapela Modimo. Malomaago Sechele o ne a bua se ka Livingstone le karabo ya gagwe:

Re go rata jaaka o ka re o tsholetswe mo go rona; ke wena fela motho mosweu o re mo tlwaetseng; mme re eletsa gore o emise go rerela ruri le go rapelela ruri, oo re ka se go tlwaele gotlhelele. O a bona gore ga re ke re nelwa ke pula, mme merafe e e sa rapeleng yone e nelwa ke pula ya matsorotsoro.[1]

Ka ngwaga wa 1852, ntwa ya Dimawe e ne ya simolola. Balemi Barui ba lotso lwa seburu ba ne ba tlhasela lefelo le, ba utswa dikgomo, dikara, le basadi, mme ka taolo ya ga Sechele, Bakwena ba ne ba atlega mo go sireletseng motse wa bone. [3]Tlhaselo le komelelo e ne ya baka tlhobaelo mo moafeng wa Bakwena ka jalo ba tswa mo lefelong le o. Livingstone le ene a fuduga go ya kwa Cape Town go reka tse a tla di tlhokang mo mosepeleng wa gagwe fa ba lolwapa lwa gagwe ba ne ba boela kwa ga Mmamosadinyana.

Gompieno[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le ne la nna matlotla go fitlhelela ka ngwaga wa 1935 fa ngaka go tswa kwa Scottish Livingstone Hospital kwa Molepolole a ne a aga terata go dikologa lefelo leo. Gompieno go setse fela masalela a tse ba neng ba nosetsa ka tsone le matlotla a matlo a a neng a le koo.[4]

Boswa[fetola | Fetola Motswedi]

Go ne ga dirwa setshwantsho sa motshikinyego sa I knew a man called Livingstone ele segopotso sa ga David Livingstone ka letsatsi la gagwe la matsalo la makgolo a mabedi. Motshameko o bolelwa ke batho ba mo Aforika ba a neng a kopana le bone mo mosepeleng wa gagwe, mme bontlha bongwe jwa one bo itebagantse le nako e a e ntseng kwa Kolobeng.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 Livingstone,David.(1857)."Missionary travels and researches in South Africa". Archived from the original on 2 July 2013. Retrieved 13 June 2013
  2. Heidenreich,Marion."Kolobeng". Stadthagen,Germany,Nyala Tours. Archived from on 13 June 2013. Retrieved 13 June 2013.
  3. Legodimo,Chippa.22 June 2012."How the Battle of Dimawe shaped Botswana". Arts & Culture. Mmegi. Archived from the original on 21 May 2013.Retrieved 13 June 2013.
  4. "Livingstone Memorial – Kolobeng Botswana, Livingstone Safari Botswana". Botswana Travel Guide.Archived from the original on 22 November 2009.Retrieved 13 June 2013.
  5. McVicar,Ewan."I Knew A Man Called Livingstone: Education resource pack". (PDF) Toto Tales. Archived from on 13 June 2013.Retrieved 13 June 2013.