Otse
Otse ke motsana wa malete mo Botswana. O na le baagi ba ka nna dikete tse tlhano, lekgolo le masome a ferabongwe le metso e mebedi (5.192 (2001) O mo tseleng ya Lobatse Le Gaborone gaufi le Lentswe la mangwe a matona mo Botswana la Baratani. Fa gare ga motsana o, gona le letamo le banni ba one ba le dirisetsang ditiro tse dintsi jaaka bo go lema le go nosa leruo la boneMotse o ke legae la Balete ba ba amanang le ba ba kwa Ramotswa, Gabane le Mogobane. Baagi e ne e le 7,636 ka palobatho ya 2011.[1][2]
Otse | |
|---|---|
Village | |
| Coordinates: 25°2′0″S 25°44′19″E / 25.03333°S 25.73861°ECoordinates: 25°2′0″S 25°44′19″E / 25.03333°S 25.73861°E | |
| Country | |
| District | South East |
| Palo batho (2011)[3] | |
| • Total | 7,636 |
| Time zone | UTC+2 (CAT) |
Go nale dikole tsa baithuti di le nne, tse dipotlana di le pedi,el leng Otse Primary le Baratani Primary, se segolwane sa Baratani Junior le se setona se se tumileng gontswa goolowe sa Moeding.
Thutafatshe
[fetola | Fetola Motswedi]Otse e dikologilwe ke dithota bogolo jang thota ya bagologolwane ya Baratani.
Dikgogedi
[fetola | Fetola Motswedi]Mafelo a mararo a hisitori:
- Lentswe la Baratani; Se ke thota e e fitlhelwang mo motseng wa Otse e e nang le dikinane tse dintsi tsa selegae tse di golagantsweng le yone. Go na le tlhamane ka baratani ba ba botlana ba ba neng ba timelela, go bolelwa fa bobedi jo bo ne jwa gantshiwa tshono ya go nna mmogo ke batsadi ba bone, mme lorato lwa bone lo ne lo le maatla thata go ka kgaogana, tlhamane nngwe ya re go na le noga e kgolo thata, gongwe e le tshephe ya Aforika e e neng e nna mo thoteng e e neng ya ba ja. Thota ya Lentswe la Baratani e bapile le tsela ya Gaborone-Lobatse kwa bophirima jwa motse wa Otse. Thaba e ka nna dikhilomithara di le masome a mane le bobedi go tswa kwa motsemoshate wa Gaborone le dikhilomithara di le masome a mabedi go tswa kwa Lobatse.[4]
- Segorong
- Lefelo le le Lengwe la Diphologolo:- Lefelo la Diphologolo la Manyelanong
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Otse o na le mafelo a tlhokomelo ya bana motshegare a le lesome, dikolo tse dipotlana di le pedi, sekolo se le sengwe se segolwane se se potlana, le sekolo se segolo se segolwane (Moeding College).
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 4 February 2008
- ↑
- ↑ "2011 Preliminary Census Results" (PDF). Central Statistics Office. Archived from the original (PDF) on 2015-09-23. Retrieved 2011-12-02.
- ↑ Brook, Michael C. (2017). Botswana Monuments, Heritage sites and Museums. Gaborone, Botswana: Kwena Pools. p. 98. ISBN 9789996805660.