Phuduhudu, Bokone botlhaba

Go tswa ko Wikipedia
Phuduhudu, Bokone botlhaba is located in Botswana
Phuduhudu, Bokone botlhaba
Location of Phuduhudu

Phuduhudu ke motsana yo mo kgaolong ya bokone botlhaba jwa Botswana. Motse o mo botlhaba jwa kgaolo e, gape motse o na le sekole se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.[1]

Ditau di jesetsa banni mo kgobedung[fetola | Fetola Motswedi]

Baagi ba Phuduhudu kwa kgaolong ya Nhabe ba ngongoregile mo mopalamenteng wa bone gore e setse e le dingwaga tse thataro ba letile gore dikgomo tsa bone di hudusiwe mo motseng ka ditau di itlhabela ka go kgona le go rata.Motse wa Phuduhudu o mo diphakeng tsa Makgadikgadi le Nxai mme banni ba bolela fa dibatana tsa naga bogolo jang ditau di tswetse masaka a bone.Kgosi ya motse oo, Rre Bobota Yokhwi, o boletse fa ba ne ba boleletswe fa puso e ba bonetse dipolase kwa mafelong a mararo e bong C1, C2, le C3 gautshwane le Mopipi go di tshabisa ditau.Rre Yokhwi a re, E setse e le dingwaga tse thataro re ntse re reeditse, mme ga gona sepe se se lebegang se dirwa, le sone sediba ga go na sepe se se epilweng. Mme mafelo ao, a siame thata ka jaana re ne re tlaa bo re bapile le ba kgwediso ka seatla.Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Frank Ramsden, baagi ba boletse fa ba sa itse gore khudugo ya bone e lebane le lephata lefe fa e le la diphologolo le la temothuo.E rile Rre Ramsden a tsibogela kgang eo, a kopa morafe go mo fa sebaka gore a ikopanye le matona a temothuo le ya tsa diphologolo go rarabolola seemo.O boletse fa e le kgang e ntsha mo ditsebeng tsa gagwe gore ba lephata la temothuo ba boleletse morafe wa Phuduhudu gore go se ka ga nna leruo lepe le le hudusetswang kwa polaseng tseo.A re se a se itseng ke gore ba lephata la diphologolo, ba solofeditse fa ba le mo lenaneong la go tlisa ditlamelo di tshwana le go phunya didiba kwa dipolaseng tse disha tseo, gore e re isago barui ba Phuduhudu ba hudusetse leruo teng.

Kgang e nngwe e ne e le ya gore go na le dipelaelo tsa gore ba ofisi ya kgotla kwa Maun ba ikgagapeletse dikoloi, mme ba dira dilo thata gore dikgaolo tse dingwe di se ka tsa nna le dikoloi tsa kgotla.Ba boletse fa go kile ga bo go na le koloi ya kgotla, mme kgang e le gore ga go na mokgweetsi.Ba boletse gore mo bogompienong ba na le mokgweetsi yo e leng lepodisi la kgotla, mme ba bolelelwa fa koloi ya bone e ntshitswe mo tseleng ka e sa itekanela.E rile a tsibogela kgang eo, Rre Dikaelo Serige wa ofisi ya kgotla kwa Maun a bolela fa koloi eo e sa botiwa, mme e bereka kwa Maun. Mopalamente o solofeditse fa a tlaa sala kgang eo morago mme koloi e boele Phuduhudu.

Kgang ya letsomo e tsositse kgaruru[fetola | Fetola Motswedi]

Banni ba motse wa Phuduhudu ba ne ba phuthegetse kwa kgotleng bosheng go utlwa ka bokamoso jwa Trust ya bone le mogwebi yo a neng a neetswe tetla ya go gweba ka diphologolo mo Phuduhudu.Phuthego ene e tsenwe ke morafe, baemedi ba lephata la diphologolo ka e le bone ba ba fang bogakolodi jwa di Trust tsa mofuta oo.Modulasetilo wa Trust, Boronamang Yakhwe, o tlhalositse gore kgaruru e tsositswe ke go bo marafe o ne o kgaogane ga bedi, ba bangwe ba batla gore mogwebi yo o ntseng a dira le bone a kobiwe.Mogwebi yoo go tswa kwa Aforika Borwa,Dawie Groenwald, banni ba ne ba sa itumelele ka fa a dirisanyang le bone ka teng.Tlhoka tirisanyo mmogo eo e bile ya gwetlha ba Trust go isa mogwebi yoo fa pele ga molao ka go isa mathata a bone kwa diagenteng, mme ka nako ya phuthego ya bosheng, agente go ne go bolelwa a santse a sekaseka kgang eo.Modulasetilo wa Trust o ne a bolela gore go ne ga buisanngwa mo kgotleng ngogola ka Ngwanatsele gore, a ke go thendariwe gape kana diphologolo di rekisiwe ka palobalo, mme morafe wa dumela gore go rekisiwe ka palobalo.O ne a bolela gore phuthego e biditswe gape go tla go rurifatsa kgang gore tota morafe o batla eng, ka a ne a re go na le dipuo mo motseng tsa gore bangwe ba batla mogwebi yo mogologolo gore a boele a gwebe.

Banni ba motse wa Phuduhudu ka go farologana ga bone ba ne ba akgela mo kgang mme bontsi jwa banana ba a swa ba ikepela ka Groenwald, fa bagolo bone ba gana.Dingwe tsa dibui, Dodo Moleele, o ne a tlhalosa gore tumalano ya motheo wa Trust ke gore mogwebi yo o fentseng thendara o tshwanetse go duela pele a simolola tiro, mme a re Groenwald ga a a dira jalo.A re mogwebi yoo le gone o bogale, ga a ba buise sentle e bile o ba lebela kwa tlase.Mazonye Tlhapi o boletse gore go dumalanwe le Groenwald gore a dirisanye le bone dingwaga tse tlhano, a re go botoka gore ba nne ba dirisanye le ene gore a tle a duelele melala e a ka tswang a e kolota.Banni ba re ba batla motho yo o nang le madi go tla go tokafatsa matshelo a bone.Ramsden Kelebemang a tswa kwa ofising ya kabo ditsha kwa Maun, o ne a gakolola gore batho ba Phuduhudu ga ba tlhoke go ya kgotla tshekelo go koba mogwebi fa a sa dirisanye sentle le bone, ka fa konteraka e tlhalosang ka teng.O ne a tlhalosa gore go tlhophiwe, ba ba sa batleng mogwebi ba itshupe, mme ba ba mmatlang le bone ba itshupe.Ditlhopho di ne tsa dirwa mme banana ka e ne e le bone bontsi ba ba tlang mogwebi yoo, ba bona palo ya 106, fa bagolo le palo e e kwa tlase ya banana ba itswela ka 43.Mo potsolotsong le BOPA Bobota Yokhwe, kgosana ya motse, o ne a tlhalosa gore ene jaaka morongwa wa setshaba, o tlaa netefatsa gore ditshwetso tse di tserweng di salwa morago gore go dirisanwe sentle, motse o tle o tlhabologe.Groenwald o ne a gana go buisana le BOPA, a re go buiwe le Sechele agente ya gagwe.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Botswana Maun Ngamiland

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-09.

Coordinates: 20°11′43″S 24°32′11″E / 20.19528°S 24.53639°E / -20.19528; 24.53639