Quett Masire

Go tswa ko Wikipedia
Quett Masire

Ketumile Quett Joni Masire [1][2]o tshotswe kwa ngwaga wa 1926, kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bone, a tlhokafala ka ngwaga wa 2017, kgwedi ya Seetebosigo e le malatsi a le masome a mabedi le bobedi. E ne e le tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana, e bile e le ene tautona o o busitseng dingwaga tse dintsi go feta bo tautona ba ba bangwe mo Botswana. O busitse go tswa ka ngwaga wa 1980 go tsena ka wa 1998. O ne a fiwa tlotla ka seetsele sa Knighthood of the Grand Cross of Saint Michael and Saint George, se a neng a se neelwa ke Mma Mosadinyana ka ngwaga wa 1990.[3][4][5][6][7]E ne ele mongwe wa ba ba neng ba eteletse pele mo go tseyeng boipuso le mo pusong e ntsha, mme a nna le seabe se setona mo go seriletseng kgolo ya madi le itsholelo mo Botswana. O ne a fologa setilo sa botautona ka ngwaga wa 1998, mme a tlhatlhamiwa ke tautona wa boraro wa lefatshe ebong Festus-Mogae, o neng e le mothusa tautona ka nako eo.[7]

Kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Masire o tshotswe ka ngwaga wa 1926, kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bone kwa Botswana mo motseng wa Kanye,[8][2] a tsholwa ke Gaipone le Joni Masire.[9][10]O tsholetswe mo lolwapeng lo lo neng lo tlotlile thuo ya dikgomo. O godile ka nako e go neng go sena kgolo ya itsholelo mo lefatsheng la Botswana, ntle le go nna le badiredi ba dituelo tse di kwa tlase kwa meepong ya Aforika Borwa. Go tswa kwa bongwaneng, Masire o ne a itshupa ka go dira bontle kwa sekolong. Morago ga go aloga a le kwa godimo mo setlhopheng sa gagwe kwa sekolong sa Kanye, o ne a fiwa phatlha le madi go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Tiger Kloof Educational Institute kwa Aforika Borwa.[11]

Ka ngwaga wa 1950, morago ga go aloga kwa Tiger Kloof, Masire o ne a thusa mo go simololeng sekolo se segolwane sa Seepapitso II Secondary School, e le sekolo sa ntlha se segolwane kwa kgaolong ya BaNgwaketse.[12] O e a bereka e le mogokgo wa sekolo seo dingwaga tse thataro.[12] [13]Ka nako eo o ne a nna le tlhokakutlwisisano le Kgosi wa Bangwaketse Kgosi Bathoen wa bobedi. Ka ne a seka a rata kgoreletso ya ga Kgosi Bathoen mo dikganyeng tsa sekolo, Masire o ne a nna mmueledi wa go beela kgakala go itshunya dinko ga magosi mo dikolong, ka tiriso ya mokgatlo wa Bechuanaland African Teachers Association.[11]

Masire o ne a amogela setlankana sa Master Farmers ka ngwaga wa 1957, a itlotlomatsa go nna molemi morui wa tlhatlhwa mo kgaolong. Katlego ya gagwe e ne ya baka dikgogakgogano le Kgosi Bathoen, o o neng a tsaya ditshimo tsa gagwe e le kotlhao ya go agelela lefatshe la setshaba.[13]

Ka ngwaga wa 1958, Masire o ne a tlhophiwa ele mmega dikgang wa lefatshe mo pampiring ya dikgang ya African Echo/Naledi ya Botswana.[11] O ne a tlhophiwa gape go tshengwa mo maemong a Bangwaketse Tribal Council, mme ya re morago ga ngwaga wa 1960 a tsena mo go a protectorate-wide African and Legislative Council. Le ntswa a ne a tsenelela bokopano jwa ntlha jwa setlhopha sa go nna le matshwititshwiti a batho ba ba neng ba se setse morago sa People's party, o ne a seka a nna leloko la mokgatlho o.

Masire o ne a nyetse Gladys Olebile Masire ka ngwaga wa 1958, mme ba nna le bana ba le barataro.[14]

Sepolotiki le Puso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 1962, Masire o ne a thusa mo go simolodiseng Botswana Democratic Party (BDP). O ne a na le seabe se segolo mo tshimolodisong ya phathi e, mme a bereka e le mokwaledi mogolo wa yone wa ntlha.[6] [11]

Ka 1965, Democratic party ya fenya ditilo di le masome a mabedi le boferabobedi mo go tse di masome a mararo le bongwe, se se supa fa ele yone e neng e tshwanetse go isa lefatshe la Botswana kwa go ipuseng. O ne a tlhophiwa go ya palamenteng ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 1965, a nna mothusa tautona Seretse Khama ka ngwaga wa 1966.[7] Go fitlha ka ngwaga wa 1980, o ne a na le maemo a tshwana le a tsa madi go tswa ka 1967, tsa ditlhabololo go tswa ka 1967, maphata a ka bobedi a neng a kopanngwa ka ngwaga wa 1971.[15]

Bo Tautona[fetola | Fetola Motswedi]

Masire o ne a nna tautona o o tshwareletseng ka ngwaga wa 1980 kgwedi ya Phukwi e le lesome le boraro morago ga go tlhokafala ga ga Khama. Se se ne se dirwa go ya ka molaomotheo wa lefatshe.

Malatsi a le matlhano morago ga ga go tlhokafala ga ga Khama, Masire o ne a tlhophiwa ko palamenteng ka 1980, (Phukwi a le malatsi a le lesome le boferabobedi) ka talama ya sephiri go nna tautona.[6] Nako ya gagwe ya botautona o e feditse ka go tlhabolola lefatshe ka dikompone tsa mo gae le tsa mafatshefatshe. Masire e ne ele modulasetilo wa Southern African Development Community (SADC) [6]le mothusa modulasetilo wa dikompone tsa African Unity; e ne e le modulasetilo wa Global Coalition for Africa ebile e le leloko la UN group on Africa Development.

Ka Phatwe a supa,ngwaga wa 1988, sefofane se Masire a neng a se pagame le babereki ba gagwe go ya bokopaong kwa Angola se ne sa thuntshiwa ha phoso ke sefofane sa sesole sa Angola sa MiG-23.[16] Sefofane se ne sa senyega, Masire a bona dikgobalo, mme mothusa mokgweetsi wa sefofane a kgona go atlega mo go se emiseng ka potlako.[17][18]

Morago ga bo tautona le loso lwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a sena go ithola tiro ka ngwaga wa 1998, Sir Ketumile Masire o ne a nna le seabe mo mananeong a le mmalwa a botsalano le mafatshe a sele a a mo Aforika a akaretsa Ethiopea, Lesotho, Malawi, Mozambique, Ghana le Swaziland. Mo dingwageng tsa 1998 go tsena 2000 o ne a nna modulasetilo wa International Panel of Eminent Personalities go batlisisa ka tse di diragetseng mo kgailong ya batho kwa Rwanda ka ngwaga wa 1994. Ka ngwaga wa 2000 go ya kwa go wa 2003, o ne a nna motsamaisa tiro kwa dipuisanong tsa Inter-Congolese National Dialogue tse maikaelelo a tsone e neng e le go tsisa megopolo e mesha ya sepolotiki kwa Democratic Republic of Congo.

Dikgele le dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

  • Sepatela sa Sir Ketumile Masire Teaching Hospital se se biditsweng ka tautona wa bobedi wa lefatshe
  • Dietsele tsa tlotla tse tharo tsa Honorary Doctorates of Law go tswa kwa St.John University kwa New york, Williams College kwa Massachusetts kwa Amerika ngwaga wa 1980, le United Kingdom ngwaga wa 1988.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "SIR KETUMILE QUETT JONI MASIRE".Embassy of Botswana.Retrieved 2021-03-28
  2. 2.0 2.1 Clements,John (1998)."Clements' Encyclopedia of World Governments".Vol 13.Political Research, Incorporated.p 72.
  3. "5 Notable Africans Who Are Knights of the British Empire".2017-01-31.Face2Face Africa.Retrieved 2021-03-28.
  4. "EISA Botswana: Ketumile Joni Masire".www.eisa.org.Retrieved 2021-03-28.
  5. Padnani,Amisha.2017-06-29."Ketumile Masire, Who Shaped and Led a Vibrant Botswana, Dies at 91".2017-06-29.The New York Times.ISSN 0362-4331.Retrieved 2021-03-28.
  6. 6.0 6.1 6.2 6.3 G. Williams;Brian Hackland (1988)."The dictionary of contemporary politics of Southern Africa".Taylor & Francis. pp 147–8.ISBN 978-0-415-00245-5.
  7. 7.0 7.1 7.2 Dani Rodrik (2003)."In search of prosperity: analytic narratives on economic growth".Princeton University Press.pp 97–98.ISBN 978-0-691-09269-0..Retrieved 9 May 2013.
  8. M. Lentz,Harris.4 February 2014."Heads of States and Governments Since 1945".Routledge.p 103.ISBN 9781134264902.
  9. "The International Who's Who 2004".(2003).Psychology Press.p 1103. ISBN 9781857432176.
  10. Ramsay,Jeff (1998)."Sir Ketumile Masire: commemorative brochure'.p 15.
  11. 11.0 11.1 11.2 11.3 "Ketumile Masire obituary".2017-07-18.the Guardian. Retrieved 2021-06-01.
  12. 12.0 12.1 Kayawe,Baboki (21 February 2011)."Masire's The African Democrat premiers at maitisong".The Monitor.Retrieved 9 May 2013.
  13. 13.0 13.1 "Quett Ketumile Masire".biography.yourdictionary.com.Retrieved 2021-06-01.
  14. Morton,Fred;Ramsay,Jeff;Themba Mgadla,Part (2008)."Historical Dictionary of Botswana".(4th ed).p 208.ISBN 9780810854673. Retrieved 15 November 2016.
  15. "About Us".Ministry of Finance.
  16. Carroll,Tony (2021-03-03)."OBITUARY: Archibald Mogwe: Diplomat, negotiator, OBE – a useful life well lived".Daily Maverick.Retrieved 2022-05-23
  17. Ranter,Harro."ASN Aircraft accident British Aerospace BAe-125-800A OK-1 Cutio Bie".aviation-safety.net.
  18. "Botswana Says Angolan Jet Shot Down President's Plane".AP NEWS.