Resego Kgosidintsi

Go tswa ko Wikipedia
Resego kgosidintsi
Tsalo
Serowe,botswana
Alma materUniversity of Botswana
TiroPolitician

Resego Kgosidintsi[1] ke mme wa motswana yo o inakantseng lego buelela ditshwanelo tsa basadi mme ebile ale mo go tsa polotiki. Mo go tsa polotiki o itsiwe ka leina Petrol Bomb kantlha ya lentswe lagagwe le ditumelo tsa gagwe mo go tsa polotiki.[2][3][4]

Botshelo jwa pelo le dithutego[fetola | Fetola Motswedi]

Resego Kgosidintsi ke ngwaa waga Bonstikae le Colline Kgosidintsi ba tlholega kwa toropong ya Serowe mo Botswana[5]. Mo bonyaneng one ale mo setlhopheng sa Debate se se moisitseng kwa mafatsheng a Ghana le Zimbabwe. O ithutil;e tsa polotiki kwa University of Botswana kwa aneng ele moeteledipele wa Student Representative Council mogo tsa boitsaanape le phatlhalatso mme ebile ele modulasetilo wa tsamaiso kgatlhanong le kgatelelo ya baithuti.[6]

kitso le tlaletso[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosidintsi oitsege ka go bua kgatlhanong le kgokgontsho ya basadi[7] asa ikgotlhe. Mo polotiking one a rotloetsa Botswana National Front le moeteledipele wa yone Duma Boko. [8]O itlhalosa ele "mmueledi wa bosadi" ebile a rotloetsa gore kgwebo ka mmele [9]e letlelelwe kafa molaong. Resego o ikakareditse mo gotlhageleleng ga batho ba bo mme mogo tsa polotiki ka maiteko ago arabela go sa lekalekane ga bong mo polotiking ya Botswana,keletso ele go bona bomme ba emela bodulo mo ditlhopo kakaretso tsa Botswana tsa ngwaga wa 2024.[10]

Kgosidintsi ene ele mokwaledi le motswaramatlole wa kagolo motse wa Gaborone Cental ebile a tlhophilwe gonna leloko la tlaletso la BNF South Central Region. One a direla Botswana National Front[11] ele mokwaledi wa kakaretso wa Lekoko la bomme wa Botswana National Front. K ngwaga wa 2020 one a tswarwa ke basepodisi mme a tlhola a golotswe tsatsi le le latelang se seneng sa tsosa tsosa gore goromenete a tsahwaiwe phoso mo tlhatlhelong ya ba malokon a kganetso.

Kgosidintsi one a batla botautona jwa Botswana National Front Youth League ka ngwaga wa 2020. Ipapatso ene ya sutisiwa gonna gofitlhela ka ngwaga wa 2022 mme a phalwa ke moganetsi ka ene Carter Joseph ka ditlhopho dile makgolo a mararo,masome a mararo le bosupa go ya tse masome a mabedi le borataro.[12] One gape a batla sitilo sa bopalamente sa kgaolo ya Gaborone Bonnington North ka 2022.[13] Kgosidintsi one a tsosa kgaruru ya kganetso ka kgwedi ya Diphalane ka ngwaga wa 2022 morago ga go ganetsa boeteledipele jwa kganetso go thankgola baduladitlo ka bontsi.[14]

Botshel0 jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosidintsi one a itsalanya le mopolotiki Karabo Matonkomane ka ngwaga wa 2019.Ka ngwaga was 2021 bane ba bega fa ba solofetse ngwana mmogo.[15] Ene yare ka ngwaga wa 2022 a ipega gore o tla tsenelela Botswana Defence Force.[16]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Kgosidintsi, Resego Natalie (2017). "Student Activism and Youth Agency in Botswana". Buwa! (8): 34–40.
  2. Kolantsho, Neo (2020-11-25). "Resego Unplugged". The Midweek Sun.
  3. Shaya (2022-09-27). "Chillin' out Friday 23 September 2022". TheVoiceBW
  4. "Kgosidintsi steers BNFYL". Africa Press. 2022-05-31. Retrieved 2023-02-24.
  5. Kgosidintsi, Resego Natalie (2017). "Student Activism and Youth Agency in Botswana". Buwa! (8): 34–40
  6. Kolantsho, Neo (2020-11-25). "Resego Unplugged". The Midweek Sun.
  7. Kolantsho, Neo (2020-11-25). "Resego Unplugged". The Midweek Sun.
  8. Shaya (2022-09-27). "Chillin' out Friday 23 September 2022". TheVoiceBW.[1]
  9. Charles, Thalefang (2020-02-10). "Legalise Sex Work - Kgosidintsi". Mmegi Online. Retrieved 2023-02-24.[2]
  10. Chaba, Lame (2021-09-08). "Local politics extremely gender imbalanced". The Midweek Sun.
  11. Kolantsho, Neo (2020-11-25). "Resego Unplugged". The Midweek Sun.
  12. "Kgosidintsi steers BNFYL". Africa Press. 2022-05-31. Retrieved 2023-02-24.
  13. Oageng, Omaatla (2022-04-06). "BNF Young Turks fight to replace Boko". Weekend Post. Retrieved 2023-02-24.[3]
  14. Chida, Daniel (2022-10-14). "Kgosidintsi's Bombshell". The Voice.[4]
  15. Kolantsho, Neo (2021-10-27). "Pregnant Militants". The Midweek Sun.
  16. "BNFYL Pres to Join BDF". The Voice. 2022-09-23.