Robelela
Robelela | |
|---|---|
Kgaolo | Bokone-Bophirima |
Setshaba | 471 (2001) |
Robelela ke motsana o mo kgaolong ya Legare ya lefatshe la Botswana. Motsana o o kwa Borwa-Botlhaba jwa toropo ya Francistown go bapa le mololwane wa Zimbabwe. Palo ya batho e ne ele 471 ka palo batho ya 2001.[1][2]
Robelela mo kgaolong-potlana ya Bobirwa, ke motse o o gaufi thata le letamo la Dikgatlhong, le le weditsweng ka ngwaga wa 2012. Letamo le e tlaa bo e le lone le letona mo Botswana le le kgonang go rwala dikhubikimetara di le dimilione di le makgolo a mane. Go rulagantswe gore go dirwe motswedi o o yang kwa Selebi-Phikwe go isa metsi kwa metsweding ya Bokone le Borwa, e e tla isang metsi kwa borwa go tswa kwa Selebi-Phikwe go ya kwa Gaborone.[2]
Go tla ga badiri ba kago ba dikarolo tse tharo tse dikgolo tsa porojeke, e e akaretsang tsela e ncha e e tsentsweng sekontiri, le go fudusiwa ga mafelo a bonno a a amegang go simolotse go oketsa palo ya batho ba Robelela, mme go na le matshwenyego a gore baagi bano ba pele ba neng ba seegetswe kwa thoko ba mo kotsing e kgolo ya go tshwaediwa ke mogare (HIV/AIDS) le malwetse a tlhakanelo dikobo. Ka go lemoga kotsi ya merafe e e tsamayang le go tshelanwa ga mogare wa HIV le malwetse a tlhakanelo dikobo Lephata la tsa Merero ya Metsi le dirile konteraka le Tebelopele (NGO e kgolo mo Botswana, e e rweleng maikarabelo a Kgakololo le Diteko tsa HIV/AIDS) go diragatsa lenaneo la tshereganyo, thuto le go dira diteko mo kgaolong. Tebelopele e tlhomile Golekanye Monare go nna Motsamaisi wa Porojekete ya Letamo la Dikgathong.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 8 January 2008
- 1 2 "Letlamo la Dikgatlhong". Jeffares & Green. Archived from the original on 2012-09-29. Retrieved 2012-09-21.