Sekole se segolwane sa Francistown

Go tswa ko Wikipedia

Francistown Senior Secondary School ke lekgotla la goromente mo Francistown, toropo kgolo ya bobedi mo Botswana, e e naleng baagi ba le 100,079 le baagedi ba le 150,800 go ya dipalo tsa palo-batho ya ngwaga 2011.

Tsa ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Francistown Senior Secondary School o butswe ka ngwaga wa 1978 ele sekolo se se potlana mo motseng. Sekolo se se ne se nale badiri ba ka nna lesome le botlhano go ya ko go masome a mabedi, mohokgo wa sekolo ene ele Rre L. B Gwathe ka nako ya teng. Palo yotlhe ya bana ba sekolo ba ba neng ba kwadisitswe e ne e tshwara makgolo a mane le masome a borobabobedi , fa dintlwana tsa borutelo tsone di ne di nale bokgoni jwago amogela bana bale lekgolo le masome a marataro, nngwe le nngwe, go simolla ka ba mophato wa ntlha go fitlhela ka mophato wa boraro. Sekolo se ne sa amogela dithuso tswa madi go tswa mo go ba World Bank Group ka goromente wa Botswana gonne ke sekolo sa goromente.

E rile ka ngwaga wa 2015, ba lekgotla la Ditlhatlhobo mo Botswana e se kaile fa ele nngwe ya dikolo tsedi tokafaditsweng mo Botswana.[1]

Phetogo go nna sekolo se segolo[fetola | Fetola Motswedi]

E rile ka ngwaga wa 1987, sekolo se sa fetolwa go nna sekolo se segolo. [2]Phetolo e e ne akaretsa dintlwana tsa bprutelo tse pedi tsa dithuto tsa maranyane le botaki. Dipalo tsa bana ba sekolo le badiri tsa oketsega , fa ya badiri e ne e oketsenya go tswa mo masomeng a mabedi go fitlhela masome a marataro.

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Bothoko, Pini (17 April 2015). "FSSS aims to continue with excellent results". www.mmegi.bw. Mmegi Online. Retrieved 4 September 2019.
  2. History of Fsss school". Archived from the original on 12 October 2008. Retrieved 3 October 2017.