Sekolo Sa Swaneng Hill

Go tswa ko Wikipedia


Sekolo sa Swaneng Hill e ne ele sengwe sa dikolo tse tharo tsa ntlha go tlhamiwa ke rre Patrick Van Rensburg kwa Serowe mo Botswana.[1][2] Dikolo tse dingwe e bong Shashe le Madiba. Dikago tsa sekolo sa Swaneng di simolotswe ka ngwaga wa 1962, morago ga gore rre Van Rensburg a tsee boagedi mo Botswana;[1][3] ebile a ne a itsega ale kgatlhanong le pogiso ya batho bantsho kwa Aforika Borwa. Ko bokhutlong jwa ngwaga oo, ene le mohumagadi wa gagwe, Elizabeth, ga mmogo le ba ba neng ba dumalana le mogopolo wa bone ba neelwa teta ya go simolola go aga sekolo mo Serowe.[4][5] Sekolo se se ne sa agiwa ko bofelelong jwa motse, ko ntlheng ya botlhaba tsatsi. Se ne se agilwe dikhilometara di ka tshwara bosupa go fitha lesome le bongwe gotswa kwa bogareng jwa motse. Fa sekolo se tlaa bulwa ka 11 February 1963, se ne se setse sena le baikwadisi ba le masome matlhano le botlhano,[6] le fa go ne go na le diphatlha tse masome a mabedi le borobabongwe fela. Ka jalo diphatlha di ne tsa neelwa ba ba ikwadisitseng pele.


Fa sekolo se simolola, mme Gabalape Autlwetse, yo a neng a nna mogokgo moragonyana, o ne a lemoga "Se ke sekolo se se ratileng go ikaga. Barutabana ba ntlha go simolola, ba ne ba bereka ka thata go ikagela matlo a borutelo a a neng a bulwa ka kgwedi ya Tlhakole, ngwaga wa 1963. Bane ba aga matlo a borutelo ale mantsi, dilaborathori, madirelo morago. Bana ba ba simolotseng pele ba ne gape ba lema, ba apaya, ba phepafatsa ebile ba baakanya. Ka nwaga wa 1967 go ya kwa 1968, sekolo se ne se tshwara 20 phecente mo dikolo tsothe tse di kgolwane mo lefatsheng.[1] Dingwaga tse pedi tse di latelang fa setlhopha sa kago se gola le dipalo tsa bana ba ba neng ba fetsa ko dikolo potlana di ya godimo, Patrick o ne a simolola sekolo sa go ithuta go aga (Builders' Brigade). Go tsamaisa thuto e, o ne a thankgolola Serowe Youth Development Association, ye eleng yone ketapele ya dipolokelo tsa motse mo bo segompienong. Morago ga nna le dikolo tse dingwe mo Serowe, yare go ise goye gope dikolo le dipolokelo tsa mofuta ke fa di tltse lefatshe le le sha la Botswana ka bophara."

Go tswa kwa tshimologong, Van Rensburg le badiri ka ene ba simolotse sekolo sa Swaneng ka mabaka a setsi sa ditlhabololo ga mmogo le go ithuta. Kharikhulamo e akareditse dithuto tsa tiro ya diatla jaaka, tsa temo thuo, tsa kago, go betla, petlo ya tshipi, go tshwantsha, go taka le go thaepa. Go ilwe ga tsisiwa dithuto tse disha tsa thuto ebong "Development Studies".

Van Renburg's, ka maitemogelo a gagwe a dikolo go ya kwa tshimololong ya Foundation of Education with Production ka ngwaga wa 1980, e e batileng go simolodisa motswako o mosha wa teori le pereko mo thutong, gore e phatlalatswe mo bodichabachabeng ga mmogo le Botswana.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Dithuto tsa mo Botswana

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 "The Swaneng Story". The Swaneng Story. Retrieved 5 June 2018.
  2. Van Rensburg, Patrick (1974). Report From Swaneng Hill--Education and Employment in an African Country.
  3. https://theswanengstory.files.wordpress.com/2017/08/pvr-programme-2017-final.pdf[bare URL PDF]
  4. Report on Swaneng Hill School and other projec
  5. "Nordiska Afrikainstitutet / Nordic Africa Institute (NAI)", African Studies Companion Online. doi:10.1163/1872-9037_afco_asc_1611. Retrieved 24 May 2022.
  6. Swaneng Brochure (November 2020)