Serowe
Serowe | |
---|---|
Kgaolo | Central |
Setshaba | 47,447 |
Elevation | 1,140 m (3,740 ft) |
Serowe ke motse mogolo wa morafe wa Bangwato, o kgosi kgolo ya one e leng Kgosi Seretse Khama Ian Khama. Bangwe ba bagaka ba morafe o ke Rre Ratsie Setlhako, Kgosi Gorewang Kgamane, Rre Seretse Khama le ba bangwe fela jalo Botswana.
Serowe o itsege thata ele motse mogolo mo Botswana morago ga motse mogolo wa Bakwena ebong Molepolole. Ke one motse mogolo wa Bamangwato. Serowe o itsege thata ka ele one motse o bontsi jwa botautona ba Botswana ba tswang teng.
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Serowe o ntse o gakologelwa Khama III, Kgosi ya Bamangwato batho ba bogologolo ka ngwagakgolo lesome le boferabongwe le masome mabedi. Ka ngwaga wa 1903, o ne a thomiwa fa e le motse mogolo Serowe, Bamangwato. Gape ke lefelo la matsalo la ga Seretse Khama, motswana wa ntlha go nna Tautona wa lefathse la Botswana, le boremelelo jwa setso sa morafe wa Bangwato.
Sekolo sa Swaneng Hill ke sengwe sa dikolo tsa ntlha mo Serowe. Sa Brigades Movement dikolo di simolotswe ke morutegi Patrick van Rensburg.
Lefelo
[fetola | Fetola Motswedi]Serowe o bonwa mo lefelong le le siametseng temo thuo, lefelo le le tshwarang metsi mo Botswana Central District gape ke lefelo la kgwebo le thekiso. O bonwa mo bophirima jwa tsela ya Gaborone–Francistown kwa go leng motlhofo teng go ka o bona. Gape le supa tshimologo ya tsela ya Serowe-Orapa ee felelang ko moepong wa teemane wa Orapa. Tshimologo ya tsela e e simologile ka ngwaga wa 1986, mme e ne ya fetswa dingwaganyana morago.
Swaneng Hill o kgaogantswe ka dintha di le tharo tse di bidiwang Pa-Swaneng, Ma-Swaneng and Ba-Swaneng: Rre, Mme le Ngwana ka go latelana.
Dikago
[fetola | Fetola Motswedi]E sale ka ngwaga wa 2000, Serowe o nnile le dithabololo di le mmalwa, mme o tswelela ka go gola ka seemo se nametsang ntswa kgolo ya mabapi nae Palapye. Sekolo se se golwane sa Swaneng se se itsegeng ka leina la, Swaneng Hill, se ne gape sa thatosiwa maemo ke puso ya Botswana ka kompone ya tsa kago ya batho ba letso la China. Gompieno e na le felo la thathobelo ditsompelo tsa segompieno tsa maranyane, le fa go ntse jalo ba thoka ditsompelo tsa kitso ee tseneletseng. Ka jalo ba nnile le kgatlhego mo maranyaneng, mme se se bakile gore ba romele bana ba ba nang le bokgoni ko ntle ga lefatshe. Go maleba go umaka fa ba na le kitso ya lephata la ditso ee kwa godimo ee isang bana go tsaya maeto a go ya difikantsweng go dikologa lefatshe. Dingangisanyo di rotoediwa thata, mme se se baka ditshimega di le mmalwa tsa lefatshe.