Shona Ferguson

Go tswa ko Wikipedia
Shona Ferguson
Ferguson in 2019
Tsalo
Aaron Arthur Ferguson

30 April 1974 (1974-04-30)
Gaborone, Botswana
Leso30 Phukwi 2021(2021-07-30) (aged 47)
Letso
Tiro
  • Director
  • actor
  • producer
  • businessman
Dingwaga tsa a le mo tirong1992–2021
Mosadi
(m. 2001)
O fetheletseGolden Horn Award

Aaron Arthur Ferguson (30 Moranang 1974 - 30 Phukwi 2021),[1]. o ne a diragatsa ka leina la Shona Ferguson e le Motswana wa modiragatsi kwa Afrika Borwa, motlhami-mogolo wa ditshwantsho-tsa-motshikinyego e bile e le mongwe wa batlhami ba Ferguson Films ga mmogo le mohumagadi wa gagwe, Connie Ferguson.

Tiro ya gagwe ya pele[fetola | Fetola Motswedi]

Ferguson o simolotse loeto lwa gagwe la bodiragatsi kwa Lesotho a letsa kwa The Palace Hotel Night Club ka ngwaga wa 1992. Morago gago boela Botswana one a itebaganya thata le tsa kgwebo ya maranyane. O simolotse ele morekisi, a bereka ka bonatla go fitlhelela a nna mogwebi yo a tlotlegang mo a feletseng a fenya dietsele ka mefuta, go akaretsa le sa Mookamedi-mogolo-wa-thekiso ka ngwaga wa 1998-99.

Loeto lwa bodiragatsi[fetola | Fetola Motswedi]

Ferguson o simolotse go nna modiragatsi-mogolo e le ngaka Leabua kwa Afrika Borwa mo setshwantshong sa Muvhango se se dirisang puo ya seVenda. O tlogetse ka Mopitlo wa ngwaga wa 2007. O ile a ya go diragatsa kwa M-Net e le Itumeleng go simolola ka ngwaga wa 2011 go fitlhelela ka ngwaga wa 2013 mo setshwantshong-sa-motshikinyego sa The Wild.

Ene ga mmogo le mosadi wa gagwe Connie Ferguson, ba ne ba simolodisa Ferguson Films[2], mme bobedi jwa bone ba ne ba tshameka dikarolo tse dikgolo mo setshwantshong sa bone sa ntha Rockville. One a tshameka karolo ya ga JB go tswa mo ngwageng wa 2013 go fitha karolo ya bofelo ya bioskopo e ka ngwaga wa 2016. Ka ngwaga wa 2014 o ne a tshameka gape mo The Gift ye e neng ele setshwantsho sa Ferguson Films, a boa a tshameka karolo ya ga Jerry Maake mo The Queen, e le yone ne ele neng ele setshwantsho-sa-motshikinyego sa Ferguson Films se se simologileng ka ngwaga wa 2016. O ne a nale dikarolo gape mo metshamekong e mengwe jaaka Isidingo: The Need a tshameka karolo ya ga Tyson, le mo Scandal! a tshameka karolo ya ga Alex.[3]

Ferguson Films[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2010 o ne a simolodisa Ferguson Films ga mmogo le mohumagadi wa gagwe yo le ene e leng modiragatsi, Connie Ferguson. Ditshwantsho tsa bone tsa motshikinyego di akaretsa Rockville, iGazi,The Gift, The Throne, The Herd, The Queen, and The Imposter.[2]

Ka ngwaga wa 2020, bane ba dira setshwantsho sa dikarolo tse thataro le Netflix sa leina la Kings of Joburg.

Metshameko ya motshikinyego[fetola | Fetola Motswedi]

Ferguson o ne a thapiwa go diragatsa mo setshwantshong sa Mrs. Mandela ka ngwaga wa 2010.[4]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ferguson o kopane le modiragatsi wa leina la Connie Masilo ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a masome-a-mararo le motso ka ngwaga wa 2001.[5] Ba ne ba tsena mo nyalong e e boitshepho ka Ngwanatsele wa ngwaga eo.[6]

Dikgele le ditlhopho[fetola | Fetola Motswedi]

One a amogela sekgele sa Golden Horn Award sa modiragatsi yo o gaisetseng bothe mo setshwantshong sa motshikinyego le sa modiragatsi yo o atlegileng e le moetapele mo bioskopong.[7]

Loso[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2021 kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le masome-mabedi le borataro, Ferguson o ne a robadiwa kwa kokelong ya Pinehaven ka mogare wa COVID-19. E rile seemo sa gagwe se nna maswe, o ne a ragogedisiwa ka sefofane kwa kokelong ya Milpark kwa Johannesburg kgwedi ya Phukwi e le fa gare,[8] kwa a neng a tlhokafala ka ngwaga wa 2021 kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le masome a mararo a le dingwaga tse di masome a mane le bosupa.[9] O ne bolokwa kwa Fourways Memorial Park. Morago ga phitlho e e neng e le sephiri,[10] tirelo ya phitlho e ne ya tshwarwa morago ga malatsi a le mabedi kwa palo ya batho e neng e lekanyeditswe masome a matlhano ka mabaka a go laola le go thibela mogare wa COVID-19.[11][12]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Graye Morkel le Sesona Ngqakamba (30 July 2021). "Shona Ferguson, 47, has died". News24. E tserwe ka 30 Phukwi 2021.
  2. 2.0 2.1 "Ferguson Films Productions". sme. A tserwe ka 5 Moranang 2020.
  3. "Shona Ferguson TV Roles". TVSA. E tserwe ka 5 Moranang 2020.
  4. "Mrs. Mandela (2010) Cast". IMDb. E tserwe ka 5 Moranang 2020.
  5. "Connie Ferguson pens tribute to late husband". instagram. 31 July 2021. E bolokilwe mo the original ka 26 Phalane 2021.
  6. "Connie Ferguson pens tribute to late husband". instagram. 31 Phukwi 2021. E bolokilwe mo The Original ka 26 Phalane 2021.
  7. "Shona Ferguson Awards". Brandarcsa. E bolokilwe mo The Original ka 5 Motsheganong 2021. E tserwe ka 5 Moranang 2021.
  8. Ndongeni-Ntlebi, Viwe (27 July 2021). "Shona Ferguson reportedly in ICU after undergoing heart surgery". IOL. E tserwe ka 30 Phukwi 2021.
  9. Baloyi, Thabo (30 July 2021). "BREAKING: TV producer Shona Ferguson DIES from COVID-19". thesouthafrican.com. E tserwe ka 6 Motsheganong 2021.
  10. "Shona Ferguson confirmed deceased on Instagram profile". instagram @ferguson_films. 30 July 2021. E bolokilwe mo The Original ka 26 Phalane 2021.
  11. "Shona Ferguson Funeral Service". YouTube. 8 August 2021.
  12. "Shona Ferguson Memorial Service". YouTube. 8 Motsheganong 2021.