Sugar Ray Xulu Stadium

Go tswa ko Wikipedia
Sugar Ray Xulu Stadium
Map
LocationClermont, Durban,
South Africa
Coordinates29°46′10″S 30°53′8″E / 29.76944°S 30.88556°E / -29.76944; 30.88556Coordinates: 29°46′10″S 30°53′8″E / 29.76944°S 30.88556°E / -29.76944; 30.88556
OwnerCity of Durban
Capacity6,500
Construction
Renovated2010
Construction costR73 million (2009 refurbishment)[1]

Sugar Ray Xulu Stadium ke lebala la metshameko ko Clermont mo toropong ya Durban ko Aforika Borwa.Mo gompienong le dirisiwa thata mo metshamekong ya kgwele ya dinao ebile e nnile mengwe ya mabala a mararo a nneng a tlhophiwa go dirisiwa jaaka a ikatisetso ya metshameko ya 2010 FIFA World Cup, fa le sena go baakanngwa ka 2010 gore lenne mo maemong a FIFA.

Lebala le lene la oketswa bophara gonna selekanyo sago amogela batho bale sekete le makgolo ale supa (1,700) goya ko diketeng tsedi borataro le makgolo ale matlhano (6,500), ele bontlha bongwe jwa go togela bokaedi jwa metshameko ya kgwele ya dinao ya lefatshe ka bophara ( World Cup).

Lebala le le reeletswe ka Cedric 'Sugar Ray' Xulu, yo enneng ele motshameki o itsegeng wa bogologolo onneng a setse ale mo botshelong ko Durban, yo tiro ya gagwe mo morerong ya metshameko ya kgwele ya dinao ka 1960 e feletseng e dira gore a tshamekele setlhopa sa mogae se bitswa Amazulu lesa Mbabane Swallows ko lefatsheng la Swaziland. [2]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "2010 Training Venues". Archived from the original on 2009-09-29. Retrieved 2010-03-29.
  2. "Training Stadia". Archived from the original on 18 September 2009. Retrieved 29 March 2010.