Sylvia Muzila

Go tswa ko Wikipedia
Sylvia Muzila
Mmatoropo wa Francistown
Pele Ga GagweJames Kgalajwe
Morago Ga GagweGodisang Radisigo
Ka Ga Ena
O tsetsweSylvia Tabitha Nlea
Dombodema, Zimbabwe
MokgatlhoBotswana Democratic Party (BDP)
Alma materUniversity of Birmingham
AwardsBotswana's Presidential Order of Meritorious Service in 2005

Sylvia Muzila o gantsi a bidiwang ka leina la Sylvia Tabitha Muzila o sefane sa fa a tsholwa e leng Nlea, ke mopolotiki wa Motswana, ebile ke mme wa ntlha go nna mmatoropo wa toropo ya Francistown kwa Botswana. O amana le phathi ya sepolotiki ya Botswana Democratic Party (BDP), o ne a tlhophiwa mo maemong a ka ngwaga wa 2014 mme a bereka go fitlhelela ka ngwaga wa 2019.[1] Muzila e ne e le mongwe wa bomme ba ntlha go firwa mo sepodising sa Botswana sa nako eo.

Kgodiso le thuto ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Muzila o tsholetswe kwa Dombodema kwa Zimbabwe,[2] a fiwa leina la Sylvia Tabitha Nlea. Mo godimo ga dithutego tsa Masters of Social Science in Development Administration tse a di dirileng kwa University of Birmingham kwa United Kingdom ka ngwaga wa 1989, o na gape le digarata tsa Urban Development. [3][2]

Pereko[fetola | Fetola Motswedi]

Muzila ke mongwe wa bomme ba ba borobabobedi ba ntlha go tsena mo sepodising sa Botswana kwa Francistown ka ngwaga wa 1971, se a neng a se tlogela ka ngwaga wa 1978.[2] [4]O ne a ya go berekela kwa Selibe Phikwe Town Council mme a fudusediwa kwa Self Help Housing Agency (SHHA).[3] Morago ga dithuto tsa gagwe tsa masters, o ne a bereka e le Housing officer kwa lekgotleng la kabo ditsha (Ministry of Lands and Housing).[2]

Ka ngwaga ya 1996 go tsena ka ya 2008, Muzila o ne a bereka e le District Commissioner kwa Gaborone, a tloga a ya kwa Kweneng, le kwa Bokone botlhaba a tloga a ya go feleletsa kwa Francistown. ka ngwaga wa 2008.[2][5]

Muzila o tsene mo go tsa sepolotiki ka ngwaga wa 2008.[6]E ne ya re ka ngwaga wa 2014, Muzila a tlhophiwa a sena moganetsi ke ba Botswana Democratic Party go nna mmatoropo wa ntlha wa mosadi kwa Francistown sebaka sa dingwaga tse pedi le sephatlo, morago ga gore makhanselara a mangwe a phathi a ikgogele morago mo go emeleng maemo a.[7] O ne a bowa a tsenngwa mo maemong a ka ngwaga wa 2017 a ntse a sena moganetsi.[8]

Ke ene gape mong wa sekolo se segolwane sa Tabitha Secondary school kwa Francistown.[9][10]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Muzila o ne a nyetswe ke Robert Muzila, o neng e le mokhanselara wa Francistown, mme ba tlhalana ka ngwaga wa 2009.[11][12]

Dietsele[fetola | Fetola Motswedi]

Muzila o ne a amogela seetsele sa tlotla sa ga tautona sa go ntsha maduo a mantle mo tirong ka ngwaga wa 2005[13]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Dube,Chakalisa.2021-06-04."Gov't building goes to waste".Mmegi Online.Retrieved 2022-06-13.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 Motsumi,Gosego.16 December 2020.https://www.thegazette.news/features/the-untold-story-of-sylvia-muzila-the-fearless-woman-of-many-firsts/.The Botswana Gazette.Retrieved 10 March 2022.
  3. 3.0 3.1 Dube,Chakalisa.2014-12-05."I have fulfilled my dream - Muzila".Mmegi Online.Retrieved 2022-03-10.
  4. "Botswana Police Service celebrates 135 years – YourBotswana".Retrieved 2022-03-11.
  5. "Botswana erects 300-mile electrified fence".2003-09-10.the Guardian. Retrieved 2022-03-11.
  6. Mooketsi,Lekopanye.(2008)."Ex-DC Muzila Joins the Fray - At Last".Mmegi Online.p 2.Retrieved 10 March 2022.
  7. Dube,Chakalisa.2014-12-03."BDP councillors give way for Muzila".Mmegi Online.Retrieved 2022-03-10.
  8. Dube,Chakalisa.2017-05-03."Muzila is Francistown's mayor again".Mmegi Online.Retrieved 2022-03-11.
  9. "Former Francistown DC gives scholarship to 30 orphans | Sunday Standard.2012-02-27.Sunday Standard.Retrieved 2022-03-10.
  10. Pinielo Correspondent,Isaac.2010-04-09."Restoring Lost Hope For Failed Students". Mmegi Online.Retrieved 2022-03-11.
  11. Mosikare Correspondent,Oarabile.2009-06-15."Muzila Divorce Hearing In November".Mmegi Online.Retrieved 2022-03-10.
  12. MOSIKARE Correspondent,OARABILE.2009-08-06."Muzilas sign divorce settlement".Mmegi Online.Retrieved 2022-03-10.
  13. "No. 1116: Botswana's Weekly Report".www.laits.utexas.edu.Retrieved 2022-03-10