Tempolete:POTD protected/2022-07-22

Go tswa ko Wikipedia
Senepe sa tsatsi leno

Kapa Bokone ke nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe la Aferika Borwa. Ke yone kgaolo e tona fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe mo lefatsheng la Aferika Borwa. E kgaogana melelwane ya boditshaba le mafatshe a Botswana le Namibia. Kgaolo e e agilwe ka ngawaga wa 1994 fa kgaolo ya Cape e ne e kgaogana. Toropokgolo ya yone e bidiwa Kimberley. E akaretsa lefelo la diphologolo la Kalahari Gemsbok National Park, nngwe ya mafelo a a pataganetsweng ke lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le le sireleditseng diphologolo.Lefelo le le akaretsa maphothophotho a Augrabies gape le moepo wa Kimberley yo o mo kgaolong le Alexander Bay.Kgaolo ya Namaqualand e e mo bophirima e itsege thata ka ditlhatsana le dithunya tse di mo lefelong la Namaqualand. Toropo e e mo borwa ya De Aar le Colesberg, mo lefelong la Karoo, ke tsone tse di lomaganyang ka tsa mesepele le dipalamo go ya kwa toropong ya Johannesburg, Cape Town le Port Elizabeth. Mo bokonebotlhaba, Kuruman o itse ga lefelo le go neng go nna barongwa ba mafatshe a sele. Noka ya Orange e elela e fetla ka lefelo le, e aga molelwane fa gare ga Free State mo borwabotlhaba gape le lefatshe la Namibia mo bokonebotlhaba. Metsi a noka e a dirisiwa thata go nosetsa maungo mo kgaolong ya Upington