Jump to content

Thapelo Matsheka

Go tswa ko Wikipedia
Thapelo Matsheka
Minister of Finance and Economic Development
In office
6 November 2019 – April 2021
PresidentMokgweetsi Masisi
Pele Ga GagweKenneth Matambo
Morago Ga GagwePeggy Serame
Member of the National Assembly for Lobatse
Assumed office
5 November 2019
Pele Ga GagweSadique Kebonang
Ka Ga Ena
O tsetsweThapelo Matsheka
MokgatlhoBotswana Democratic Party
TiroEconomist
Politician

Thapelo Matsheka ke lepolotiki gape ke moitseanape wa tsa itsholelo o o berekileng ele tona wa tsa madi le tsosoloso itsholelo go tswa ka ngwaga wa 2019 kgwedi ya Ngwanatsele go fitlha ka ya Moranang ngwaga wa 2021. O ne a tlhophilwe e le mopalamente wa Lobatse ka Phalane ngwaga wa 2019. Ke leloko la Botswana Democratic Party. Matsheka o kile a nna mookamedi wa Fiducia Services.[1]

Tsa Pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Matsheka o na le dithutego tsa bongaka jwa tsa itsholelo go tswa kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa University of Kent.[2] E ne e le mookamedimogolo wa lenaneo la tsa kgwebo la puso la Citizen Entrepreneurship Development Agency go tswa ka ngwaga wa 2003 go ema ka wa 2010.[3] [4]O ne a berekela kompone ya AON Botswana pele ga a tlogela tiro go simolodisa Fiducia Services ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2017.[5]

Ka ditlhopho tsa sechaba tsa ngwaga wa 2019, Matsheka e ne ele ntlhopheng wa bopalamente wa Lobatse.[6] O ne a tlhophiwa mme a rola Sadique Kebonang tiro.[7] Tautona Mokgweetsi Masisi o ne a mo tlhoma go nna tona ya tsa madi le itsholelo ka kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le marataro ngwaga wa 2018, mme a simolodisa tiro ka lone letsatsi le o.[8][9] O ne a amogana lenaneo la gagwe la ntlha la kabo madi ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2020,[10] mme ya re ka Moranang 2021 a emisediwa ke o sele mo tirong ya go nna tona o o okamelang madi a sechaba.[11]

Ditiro tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ "President Masisi appoints cabinet ministers". yourbotswana.com.10 November 2019.Retrieved 24 June 2020.
  2. ↑ Reporter, Sunday Standard (7 December 2021)."Matsheka most qualified and competent Minister of Finance we ever had’ | Sunday Standard".
  3. ↑ "Matsheka to quit CEDA for Aon". www.mmegi.bw.(19 May 2010). Retrieved 24 June 2020.
  4. ↑ Maramwidze,Andrew (28 August 2018)."Matsheka calls on pension industry to prop up economy".Botswana Guardian. Retrieved 24 June 2020.
  5. ↑ "Matsheka set up own Pension Fund administration business.".Sunday Standard.27 May 2018.Retrieved 24 June 2020.
  6. ↑ Maramwidze, Andrew.(12 February 2019)."Matsheka applauds Masisi for the ‘empowerment’ budget".Botswana Guardian.Retrieved 24 June 2020.
  7. ↑ Bothoko,Pini.(6 December 2019)."Matsheka inherits office without computers".www.mmegi.bw.Retrieved 24 June 2020
  8. ↑ "New cabinet".Botswana Daily News. Gaborone.6 November 2019.Retrieved 24 June 2020.
  9. ↑ "Press Release: Cabinet Appointments".www.gov.bw. Retrieved 24 June 2020
  10. ↑ Adamson,Kabelo.(3 February 2020)."Matsheka delivers his first Budget speech".news.thevoicebw.com.Retrieved 24 June 2020.
  11. ↑ "Botswana replaces finance minister with immediate effect - statement".Reuters.17 April 2021.
  12. ↑ 2019 Annual Report African Development Bank (AfDB).
  13. ↑ Board of Governors World Bank.