Tonota

Tonota ke motse yo o mo kgaolo legare la Botswana.
Tonota ke motse o tumile ka bakhurutshe ba ba loleng le merafhe e mengwe go lwelwa motse, ba nna bafenyi mme ba bidiwa babina Khama le Phofu. Mme le fa Tonota go tumile bakhurutshe, bakalanga, bangwato le merafe e mengwe ba tlholega mo motseng o wa Tonota. Ka sekhurutshe leina le la Tonota ke Thonotha, mme le ne la fetolwa go bidiwa Tonota ka tlhotlheletso ya puo ya Tswana. Motse o, o dikhilomethara di le masome a mabedi le bosupa mo borwa jwa toropo ya Francistown mo tseleng ya A1 Francistown-Gaborone. O mo borwa bophirima jwa noka ya Shashe, e e fa gare ga dikgaolo tsa legare le bokone botlhaba, Tonota a le mo kgaolong ya legare. Tonota ke motse o motona yo o kgaogantsweng ka metsana jaaka mo borwa go na le Semotswane, Mandunyane le borogo jwa Shashe mo bokone. Rre Kgosi Ramosinyi Radipitse[1] ke kgosi ya Tonota. E rile ka ngwaga wa 2003 motse wa Tonota wa nna kgaolo potlana ka fa tlase ga Tutume, go na le dikago tse disha tsa Khansele, Dikole tse di potlana di le lesome.
- Sekolo se sepotlana sa Madisakwana
- Sekolo se sepotlana sa Moutlwatsi
- Sekolo se sepotlana sa Rauwe
- Sekolo se sepotlana sa Tonota
- Sekolo se sepotlana sa Kgosi Sekoko
- Sekolo se sepotlana sa John Phooko
- Sekolo se sepotlana sa Tholodi
- Sekolo se sepotlana sa Semotswane
- Sekolo se sepotlana sa Mandunyane
- Sekolo se sepotlana sa Masedi
Go na le dikole tse tharo tse di kgolwanyane
Le se segolwane sa Shashe River,Go na le Tonota College of Education e le sa mmadikole.
Moemedi wa palamente wa Tonota borwa ke Rre Motlotlegi Thapelo Olopeng.Motlotlegi Rre Fidelis Mmilili Molao yo e leng moemedi wa palamente yo o tswang mo Tonota bokone a sa amane le motse wa Tonota.
Boradipolotiki ba bangwe ba bagolo le baeteledipele go tswa mo motseng ono o o atolositsweng ba akaretsa ditona tsa pele tsa kabinete le maloko a palamente jaaka: Rre Lemme Makgekgenene, Rre Patrick Balopi, Motlatsa Sepikara sa pele sa Kokoano Bosetšhaba le Mopalamente, Rre Pono P. Moatlhodi le tona wa pele wa Matlole le Dithulaganyo tsa Tlhabololo, Michael Mzwinila Kenneth mathambo le ba bangwe.
Batho ba ntlha ba ne ba thibelela fa gare ga ngwaga wa 1912 le 1914 go tswa kwa Selepeng/Leshongwane kwa karolong ya bokone botlhaba jwa lefatshe leno. Ba ne ba eteletswe pele ke Kgosi Rauwe Sekoko yo o tlholegileng kwa Lehurutshe kwa Dinokaneng mo Aferika Borwa.
Pele ga ba thibelela kwa bokone botlhaba go utlwala fa Bahurutshe a ne a thibelela pele le Bangwato kwa Palapye wa bogologolo mme e rile Bangwato ba fudugela kwa Serowe, ba disa kwa bokone botlhaba.
Go tswa bokone botlhaba ba ne ba kopanngwa ke Bakalanga bangwe ka ba ne ba thibelela ruri kwa Tonota. Leina la morafe kwa tshimologong ke Mohurutshe mme Mokhurutshe o tserwe mo leineng la Kalanga la Ndikhurutshe.

Tonota jaaka metse e mengwe fela mo Botswana o na le merafe e e farologaneng mme bontsi jwa banni ke Bahurutshe, ba ba nnang mo dikgotleng di tswana le Tholo,Molebatsi, Maaloso,Maunya e e leng yone kgotla e tona.Dikgotla tsa Madisakwana le Mhakamme, bakalaka ba ba nnang mo go ya Manyanda. Kgotla ya Lomboko go nna Barotsi fa Bashona kana Bazezuru ba nna mo go ya Mandunyane. Batho ka bontsi ba ba tswang tswang kwa Tonota ba bua Sekhurutshe seka SeNgwato puo e e nang le mafoko a sekalaka le sengwato.
Itsholelo ya motse e ikaegile thata ka thuo ya dikgomo, temothuo ya dijalo le temothuo e e fepiwang ke pula. Go na le palo e e siameng ya batho ba ba berekang mo makaleng a puso le a poraefete.
Motse wa Tonota bosheng (5 - 7 Lwetse 2014) o ne wa keteka dingwaga di le lekgolo tsa go nna teng mo gare ga bontlentle le go abelana dikakanyo tsa hisitori ke ba le mmalwa ba ba neng ba santse ba ka gakologelwa hisitori e telele ya Bakhurutshe fa e sale ka ngwaga wa 1914.[2]
Tonota o itsege jaaka lefatshe la ‘Manyonyomane’(magwinya) mme gape ke legae la ga Rre Kebatlamang Morake, yo e neng e le tona wa ntlha wa kabinete go dira jaaka Tautona wa Botswana.
Gape go ela tlhoko; ke setlhopha sa Kgwele ya Dinao se se simololang kwa Tonota ka leina la Tonota Football Club a.k.a. Sepondo Sea Debola. Setlhopha se se mo karolong ya ntlha (First Division) ka fa tlase ga lekgotla la kgwele ya dinao la Botswana; mme Motsamaisi wa setlhopha ke Rre Maokaneng Bontshetse.
o ka tsibogela
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][[Category: Mafelo a a nang le batho ba ba ntsi mo Botswana]]
- ↑ "Tonota village inaugurates a new chief | Sunday Standard". www.sundaystandard.info. Retrieved 2019-11-21.
- ↑ editor, Online. "Tracing the settlement record of Bakhurutshe of Tonota | Sunday Standard". Retrieved 2020-05-25