Tshelang Masisi
Tshelang Walter Masisi( o tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a marataro (1960) a bo a thokafala ka kgwedi ya Phatwe e le masome a mabedi le borobabobedi ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro (2013) ene ele lepolotiki mo Botswana. Ene ele mogolowe Tautona Mokgweetsi Masisi wa monna, mme o dirile jaaka leloko la Pan African Parliament, gammogo le palamente ya Botswana a emetse kgaolo ya botlhophi ya Francistown bophirima mo lekokong la sepolotiki la Botswana Democratic Party gotswa ka ngwaga wa sekete , makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borobabongwe (1999) go fitlhela a tlhokafala ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro (2013). Masisi ene ele morwa Edison Masisi (yo o tshotswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a mabedi le bongwe (1921) a bo a thokafala ka ngwga wa dikete tse pedi le boraro (2003) yoo dirileng jaaka mopalamente wa Moshupa ka lobaka le leleele le leloko la khabinete(cabinet). Mongwe wa barwa rraagwe ba bararo, Mokgweetsi Masisi ke tautona ya lefatshe la Botswana gotswa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi (2018) , fa yo mongwe a tlogetse tiro ka bogodi jaaka lesole. Bana le kgaitsadi A bone ebong Phadi.[1]
Leso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa dikete tse pedi (2000) oile a tshwarwa ka bolwetsi jwa diphilo mme mosadi wa gagwe ebong Ntetleng amo abela philo. Morago ga loaro oile a bula setlamo se se thusang bao ba tlhokang thuso ya dikarolo tsa mmele.[2] [3]Ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bobedi (2012), ngwaga fela pele ga loso lwa gagwe, Masisi le mosadi wa gagwe baile ba bona kotsi ee masisi ee batlileng go felela e baka dintsho mo tseleng ya A1 fa Palapye baya Francistown.[2] Ene yare ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le boraro (2013), kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi ale masome a mabedi le botlhano a ragogesediwa kwa kokelong ee ikemetseng ka nosi ya Bokamoso (Bokamoso Private Hospital ) mo Mmopane( sa gape go tweng semo Metsimotlhabe) pele ga a fetisediwa kwa Johannesburg kwa kokelong ya Milpark go ya go dira loarwa, mme loaro la pala a busediwa Bokamoso morago ga makgoreletsi aa neng a itemogetswe. Masisi oile a tlhokafala letsatsi fela morago gago goroga mo Botswana ka ntlha ya stroke mme ene yare morago mo tshokologong sebueledi sa lelwapa ebong Thulaganyo Masisi a tlhomamisa se.[2][4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Who is Botswana's new President Mokgweetsi Masisi?". The Mail & Guardian. 2018-04-03. Retrieved February 6, 2023
- 1 2 3 Mosikare, Leogang. "Tshelang Masisi dies". Mmegi Online. Dikgang Publishing Company. Retrieved February 6, 2023
- ↑ Piet, Bame. "Botswana: Call for Organ Donations". allAfrica. AllAfrica. Retrieved February 4, 2023
- ↑ "THE LATE TSHELANG MASISI". Facebook. BWgovernment. Retrieved February 6, 2023