West Hanahai

Go tswa ko Wikipedia
West Hanahai
West Hanahai is located in Botswana
West Hanahai
West Hanahai (Botswana)
Kgaolo
Ghanzi
Setshaba
560 (2001)

West Hanahai ke motse yo o mo kgaolong ya Ghanzi (Ghanzi District) mo Botswana. Motse yo o ikaegile ko legare la kgaolo, mabapi le Central Kalahari Game Reserve e e sekgele se ka nnang dikilometara di le masome a matlhano (50) mo borwa bophirima jwa motse wa Ghanzi. Go agiwa ga tsela ya Trans-Kalahari Highway mo boemong jwa go dirisa tsela e kgologolo ya Gaborone-Ghanzi go nnile le kgwetlho ko West and East Hanahai tse di bakileng kwelo tlase ya motsele tsele wa dikoloi. Letlhoko la ditiro le pateleditse banni ba kgaolo go inaakanya le ditiro tsa nako khutshwane tsa sechaba (e itsege gape e le twantso lehuma) ga mmogo le dijo tsa mahala go tswa ko go goromente. Go na le sekolo se se botlana le kokelwana ko West Hanahai. Go nnile le batho ba le makgolo a matlhano le masome a le borataro (560) ka palo batho ya 2001.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 12 December 2007.