Wikipedia:Today's featured article/Phatwe 12, 2022

Go tswa ko Wikipedia
Setshwantsho sa motse wa maun se se tserweng ke motho a le mo sefofaneng
Setshwantsho sa motse wa maun se se tserweng ke motho a le mo sefofaneng

Maun ke toropo ya botlhano mo ditoropong tse di kgolo tse di mo Botswana Jaaka ka ngwaga wa 2001 e ne e na le palo ya batho bale dikete di le masome a mane le boraro le makgolo a supa le masome a supa le borataro. Ke motse wa sebobego se se tswakangtsweng jaaka o na le dikago tsa sesa le tsa setswana. Maun ke lefelo la konokono la bojanala jwa Botswana le baokamedi ba legare la kgaolo ya Ngamiland Gape ke tlhogo ya makalana a le mantsi a safari le difofane a a rulaganyetsang mesepele go ya Okavango Delta.

Le fa e le motse, Maun o tlhabologile ka bofefo go tsweng toropo seka kgaolo gape o gola go bapisa noka ya Thamalakane. O na le marekisetso, dihotele le dilodge ga mmogo le pheriso ya dikoloi, le fa a setse a tshwere tebego ya kgaolo gape barui ba motse ba tswelela ba tisa dikgomo mo Maun go direkisa. Batho ba Maun thata ba agile go tsamaela mo matshitshing a a ikadileng a noka ya Tlhamalakane kwa o kgonang go bona matswee a fula le ditonki, dipudi ga mmogo le dikgomo.Maun o sekgele se se dikhilomethara tse di masome a mararo le motse wa Toteng.

Go tsweng go tlhamiweng ga Maun ka 1915 jaaka e le motse mogolo wa Batawana o tlwaelesegile thata ka botshelo jwa dikgwa tsa borwa tsa toropo tse di thusang mo thuo ya dikgomo le ditiragalo tsa letsomo. Lefa go ntse jalo, kgolo ya madirelo a bojanala le go fetswa ga tsela ya sekonotere e e kopanyang Maun le Nata ka dingwaga tsa bo 1990, Maun o godile fela thata a latlhegelwa ke tebego ya segologolo. Ke motse wa batho ba ba feta dikete dile masome a mararo.

Mo bo gompieno Maun ke toropo e e golang ya bojanala,e etseging thata ka ditoki tse di gobeyang mo mebileng ga mmogo le dipudi tse di seng kalo kalo. Diphologolo tse o ka di bona di eme eme mo tikologong ya toropo jaaka barui ba motse ba goroga ka dipalo tse di kwa go dimo ka dipalamo tsa setshaba go tla go rekisa dithoto tsa bone fa tlhoko ga ditsela kgotsa mo ditseleng. Bala e feletse