Wikipedia:Today's featured article/Phukwi 8, 2022

Go tswa ko Wikipedia

Kanye ke motse-setoropo oo kwa borwa jwa lefatshe la Botswana. E okametse tsa botsamaise jwa kgaolo ya Borwa. Kanye ke nngwe ya mafelo a magologolo a matona mo Botswana go tloga ka ngwaga wa 1853. Ke motse-mogolo wa morafe wa Bangwaketse o kgosi ya one eleng Kgosi Malope wa bobedi yo o e leng morwa Kgosi Seepapitso wa bone. Kanye o tlholegile e le motse wa Bangwaketse, o e leng mongwe wa merafe e metona mo Botswana. O mo kgalong ya lefatshe la Botswana e e tletseng dithaba. O dikaganyeditswe ke motse wa Moshupa, toropo ya Lobatse, le ya Jwaneng. Go ya teng o tsaya metsotso e le masome a mane le botlhano go tswa mo Gaborone, o e leng toropo-kgolo ya Botswana.

Go nnile le pego ya metsotso e le masome a a robang bobedi ka lelwapa lwa bogosi jwa Bangwaketse kwa Kanye go tloga ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka ngwaga wa 2005 e e biditsweng "Kwa mosasaneng wa ga mma kgosi". Bala di feletse