Bank Gaborone

Go tswa ko Wikipedia
Bank Gaborone Limited
TypePrivate
IndustryFinance
Founded2006
HeadquartersGaborone, Botswana
Key people
Koos Brandt, Chairman
Andre Barnard, Managing Director
ProductsBanking
ParentCapricorn Investment Holdings (Botswana) Limited
WebsiteHomepage

Bank Gaborone Limited, e gantsi e bidiwang Bank Gaborone, ke banka ya kgwebo mo Botswana.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Ba Banka ya Botswana ba neetse teseletso ba Bank Gaborone Limited go ya go dira ele kgwebo ya banka ka kgwedi ya Firikgong e tlhola letsasi ngwaga wa dikete tse pedi le borataro. Bank Gaborone ene ya bula lebenkele la yone la ntlha mo tseleng ya Pilane, Gaborone ka lwetse ngwaga wa dikete tse pedi le borataro. Fa e sale nako eo, maloko ale mararo a setse a butswe; e nngwe mo Main Mall, City Mall, le Francistown. Fa gonya go tsena kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe, banka ene e setse e nale mechini e mo go yone go gogwang madi. ke gore ATM ele masome a mararo lefatshe ka bophara go fa ditshompelo go merafe e mo go yone banka e neng e sena maloko gone.[1]

Mong Wa Yone[fetola | Fetola Motswedi]

Bank Gaborone ke leloko la Capricorn Investment Holdings (Botswana) Limited (CIHB) ka botlalo. Morago ga moo, CIHB ka dipesente dile borobabongwe le bone (94.9) ke ya Capricorn Investment Holdings (CIH).

Go Lomagana Ga Mokgatlho[fetola | Fetola Motswedi]

Capricorn Investment Holdings e na le maloko a mangwe a a dirang le madi ka bogotlhe kgotsa a mo go one karolo ya one e dirang le tsa madi, go akaretsa :[2]

  • Botswana Botswana
  • Capricorn Investment Holdings (Botswana) Limited - e nang le dikatso tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone (94.9%)
  • Bank Gaborone Limited - e le yone e nang le dikatso tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone (94.9%)
  • Ellwood Insurance Brokers limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a borobabongwe le bone tsa dipesente (94.9%)
  • SmartSwitch Botswana Limited - e nang le dishere dile masome a mane le bosupa le sephatlho. (47.5%)
  • Capricorn Asset Management Limited - e nang le dishere dile masome ale supa le botlhano gammogo le bobedi tsa dipesente (75.2%)
  • Capricorn Capital Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • Cyan ES Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • Namibia Namibia
  • Bank Windhoek Holdings Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro
  • Bank Windhoek Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro (73%)
  • BW finance Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome ale supa le boraro (73%)
  • Welwitschia Nammic Insurance Brokers Limited -e nang le dishere tsa dipesente dile masome a matlhano le borataro le sephatlo sa bosupa (56.7%)
  • Namib Bou Limited -e nang le dishere dile dipesente tsa masome ale supa le boraro
  • Santam Namibia Limited -e nang le dishere tsa dipesente dile lesome le borobabobedi le boraro (18.3%)
  • Sanlam Namibia Holdings Limited - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mabedi le bongwe le sephatlho(21.5%)
  • Nammic Financial Services Holdings - e nang le dishere tsa dipesente dile lekgolo
  • GH Group Employee Share Trust - e nang le dishere tsa dipesente dile lesome le borataro le bone (16.4%)
  • Zambia Zambia
  • Cavmont Capital Holdings Zambia Plc. - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mane le bone le botlhano(44.5%)
  • Cavmont Capital Bank - e nang le dishere tsa dipesente dile masome a mane le bone le botlhano(44.5%)

Maloko[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Asof, Banka e nale moloko mo mafelong a latelang: [3]

  1. Lephata le Legolo - Main Mall, Gaborone
  2. Lephata la Game City Mall - Gaborone
  3. Lephata la Molepolole- Mafenyatlala Mall, Molepolole
  4. Lephata la Francistown - Galo Mall, Francistown
  5. Lephata la Ghanzi - Ghanzi

O ka tsibogela[fetola | Fetola Motswedi]

  • Maina a dipolokelo tsa madi tsa Botswana
  • Maina a Dibanka tsa Namibia
  • Maina a Dibanka tsa Zambia

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Ka ga Bank Gaborone". Archived from the original on 2017-08-16. Retrieved 2011-11-05.
  2. "Maloko a a ka fa tlase ga lephata la Capricorn Investment Holding" (PDF). Archived from the original (PDF) on 2011-07-06. Retrieved 2011-11-05.
  3. "Maloko a Bank Gaborone". Archived from the original on 2017-08-16. Retrieved 2011-11-05.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]